Mokgatlho wa Men Sector o itoma wa tlase
26 Jun 2016
Modulasetilo wa mokgatlho wa Men Sector mo Selebi Phikwe Rre Ishmael Morebodi a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go bona gore mogare ga o aname le go kganela o mosha go tsena ba ba iseng ba amege.
Rre Morebodi o tlhalositse fa mokgatlho wa Men Sector o tlhamilwe ka ngwaga wa 2000 mme o ne o itebagantse le maphata a Botswana Defence Force,Botswana Police le Botswana Prisons maikaelelo e le go dira pharologano e e tseneletseng go bona gore borre ba ba santseng ba itekanetse mo tlhakanelong dikobo ba e dira ka pabalesego le go ba rotloetsa go rupa.
Rre Morebodi a re maikaelelo a go tshwara letsatsi la borre pele le diragala ke go ba baakanya ditlhaloganyo gore e re ba itumetse ba bo ba gakologelwa tse ba di ithutileng le go tsaya boikarabelo.
A re Keletso ya bone e le ba Men Sector ke go bopa toropo ya Selebi Phikwe go nna e motho a ka eletsang go nna mo go yone. Rre Morebodi a re borre ba itlhokomolositse boikarabelo ja go tlhokomela bana mo malwapeng mme se se dira gore bomme ba rwale bokete jwa go ba tlhokomela ba le nosi.
Molalediwa wa letsatsi go tswa kwa District Health Management Team e bile e le molomaganya ditiro tsa go lwantsha mogare mo Selebi Phikwe Rre Austin Motsamai, a re dipalo di supile fa borre ba feta bomme mo toropong ya Selebi Phikwe.
Rre Motsamai a re fa go tla mo go itlhatlhobeleng mogare dipalo tsa bomme di feta tsa borre.
A re se se rurifatsa fa borre ba goga dinao go itlhatlhoba.
O tsweletse a tlhalosa fa dipalo tsa borre ba ba rupileng di le kwa tlase ga tse ba di solofetseng.
Rre Motsamai a re e le ba lephata la botsogo ba rotloetsa borre go tsamaya le bakapelo ba bone fa ba imile go ya go itlhatlhoba mmogo mme a tlhalosa fa masome a marataro le borobabobedi mo lekgolong ya borre e le bone ba dirang jalo.
Rre Motsamai a re Men Sector e santse e lebanwe ke tiro e ntsi go rotloetsa borre go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Motsamai a re dipalo tsa banana ba ba imang ba santse ba le kwa dikoleng le tsone di gola ngwaga le ngwaga a supa gore erile ka ngwaga wa 2013 mo Selebi Phikwe bana ba ba neng ba imile ba ne ba le lesome.
A re ka 2014 ba nna lesome le boferabongwe fa ka ngwaga wa 2016 ba ne ba le lesome le botlhano.
A tswelela ka go supa fa ba sa imisiwe ke balekane ba bone mme e le bagolo ba ba kwa malwapeng.
Rre Motsamai a re go ima ga banana go na le ditlamorago tse di ka ba tlhakatlhakanyetsang botshelo jaaka lehuma le go gatelelwa ke dikakanyo tse di ka ba senyang tlhaloganyo. Kwa bofelong o ne a rotloetsa borre ba ba mo lenaneong la go tsaya diritibatsi go nna keletlhoko ka dinako tsotlhe go bona gore ga ba di tlodisi ka e re ba ntse ba tsweletse ba bo ba di tlogela.A re seo se dira gore bolwetse bo seka ja laolesega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 26 Jun 2016






