Bluetown o kopa ditlhabololo
23 Jun 2016
Banni ba Bluetown ba ikopetse go direlwa ditlhabololo tse di ka tokafatsang seemo sa kgaolo ya bone mo go mopalamente wa bone wa Francistown Bophirima Rre Ignatius Moswaane mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Bluetown Rre Lesego Mpayang o tlhalositse fa seemo sa ditsela tse di mo gare ga motse di se mo seemong se se tshwanetseng e bile di na le lebaka di ntse fela jalo.
Rre Mpayang o kopile gape gore tsela ya A3 e e yang Maun e atolosiwe ka jaana e le yone tsela e e yang ko lebaleng la metshameko le legolo le e leng gore le dirisiwa gangwe le gape go tshwarela metshameko ya setshaba.
A re ba tshwenngwa ke mosuke o o nnang teng ka nako ya metshameko eo, mo go ka nnang diphatsa ga ba ga baka dikotsi. O tlhalositse fa dipalo tsa borukutlhi jo bo diragalang ntlha e nngwe bo bakiwa ke gore e a ne e nna lefifi, mme go tlhabololwa ga yone go ka koba magodu.
Rre Mpayang o ne a ikopela gape mo boemong jwa motse gore ba botsogo ba sekaseke ba bone gore ba ka se atolose dinako tse kokelwana ya Tatitown e berekang ka tsone go e dira e e sa tswalweng.
A re se se ka fokotsa mosuke o ba o bonang o diragala ka jaana ba a tle ba nne le tlhaelo ya melemo go bo gore ba e latele kwa kokelong ya Area W.
E rile a latlhela la gagwe, Mme Keneilwe Ntuluki a re ene keletso ya gagwe ke gore go tlhabololwe tikologo ya lebala la metshameko, go ntshiwe ditlhare go nne gontle.
A re go dira jalo go ka ntlafatsa le yone kgaolo ya bone ka jaana le ba ba neng ba ntse ba dirisa sekgwa go fitlha ditiro tsa bone tsa borukutlhi ba ka tswela mo mpepeneneng mme ba otlhaiwe sentle.
O tlhalositse gape fa bana ba sena lefelo la itshidilo ka jalo ba kopa lefelo le bana ba ka neng ba tshamekela teng ka se se ka ba dia go dira borukutlhi.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Moswaane, o tlhaloseditse banni ba motse o gore ditlhabololo di tlaa dirwa mo tsamaong ya nako ka jaana go na le mananeo a ga goromente a a tshwanang le go rudisa itsholelo a ka one go tlaa bong go tlhabololwa lefatshe.
O kopile banni go fetola boitsholo jwa bone ka kgaolo ya bone e itsege ka borukutlhi le maitsholo a a makgwakgwa, a re se se ka ba solegela molemo mo isagong.
A re ba tshwanetse ba tsibose ba sepodisi ka ditiragalo tsa borukutlhi ka dinako tsotlhe e bile mokgwa wa tirisano mmogo o rene gareng ga bone, ba bo ba tshwaraganele tiro e go fedisa mokgwa o o maswe o.
O gakolotse batsadi go tlhokomela ngwana wa mosetsana ka kelotlhoko go itsa boimana jwa ngwana a santse a tsena sekole a le dingwaga tse di kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro mo go seng ka fa molaong ka gape go ka mo senyetsa bokamoso.
A re batsadi ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go bua le bana ba bone ka dinako di fetogile a tlhalosa gore fa ba retelelwa ba ka kopa thuso mo go ba boipelego kana ba dikokelwana.
Gape a re ntswa ngwana wa mosetsana a amega thata mme le wa mosimane o tshwanetse le ene a rutiwe ka dikgang tse, le borai jwa go ka iphitlhela a le mo go tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebalepile Phuthego
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jun 2016






