Bogodu bo kgoreletsa mananeo go tswelela
22 Jun 2016
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o tlhalositse fa mananeo a puso ka bontsi mo motseng oo a sa dire sentle ntateng ya bogodu jo bo ileng magoletsa.
Kgosi Segotsi o buile mafoko a, kwa bokopanong jwa batho ba ba akotseng mananeo a puso, badirelapuso le lekoko le le romilweng ke Tautona go tsamaya le lefatshe go sekaseka gore a mananeo a puso a dira sentle kgotsa jang.
Kgosi Segotsi o ne a tlhalosa gore mananeo one a teng le banni ba a tsere ka bontsi go intsha mo lehumeng, mme sebe sa phiri ke gore bogodu le jone bo kelemile mo motseng wa Mahalapye.
A re batho bangwe ba felela ba tlogetse mananeo a, fa ba bangwe ba ipeta pelo fela ba sa itse gore ke ba dire jang.
O ne a tlhalosa gore fa e le ba ba tsereng dipodi,dikoko le dikgomo bone, e le selelo le khuranyo ya meno ka bogodu jaanong bo ile kwa godimo e bile bo fekeetsa le one mapodisi a a mo motseng wa bone. A re go botlhoko fela thata ka gantsi o bona koloi e feta e rwele dikgetsana kgotsa ditanka, tsa metsi mme go tsentswe dinama mo teng.
Kgosi Segotsi a re e re le ntswa leuba le lone le na le ga lone, go sena bojang le metsi, magodu ke one a dirang gore mananeo ka bontsi a seka a tswelela, mme ba busetse bao ba ba akotseng mananeo kwa morago. O ne a tswelela a re le ba dikgwebo kgotsa ba ditshingwana tsa merogo ba kgobiwa marapo ke gore e re le ntswa ba ntse ba re ba a iteka, boradikgwebo tse ditona ba ba baya ka fa mosing fa go tsena mo thekisong ka gore bone ba ntsha go le gontsi mme baeki ba felele ba kgatlhegela go rekela bone go na le ba ba lemang go le go botlana.
A re se se dira gore ba tlhoke kwa ba ka rekisang teng mme ba felele ba kgobegile marapo ka jalo ba tlogele. E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa lekoko leo le le tsileng mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Johnie Swartz a tlhalosa fa bone ba tsile go utlwa gore mananeno a tsamaya jang mo kgaolong ya bone. Rre Swartz a re ba tsile jaana ka thomo ya ga Tautona go utlwa gore a mme mananeo a puso e lekang go a direla go thusa Batswana a mme a na le maduo.
O ne a tlhalosa gore ba itebagantse thata le mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma, tswakanyo ya itsholelo, go rudisiwa ga itsholelo le a mangwe a a akaretsang a temo-thuo a tshwnaa le ISPAAD, LIMID, SHHA ga mmogo le la lephata la tsa bong. A re fa ba tsile jaana ba tsile go tsaya megopolo mo go bone gore ba ka thusiwa jang le gore bone fa ba bona mananeo a ka tokafadiwa jang, dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ga mmogo le gore puso e ka ba thusa jang go tokafatsa mananeo a. O ne a tlhalosa gore mananeo a, ka bontsi ke go leka go nyeletsa lehuma le le apereng Batswana ka bontsi, go ba tlhamela ditiro gore ba tlhamele ba bangwe ditiro.
Rre Swartz a re lenaneo le lesha la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe gore Batswana botlhe bogolo jang banana le bagwebi ba tsa kago ba bone ditiro ka jalo ba tlhamele bangwe ka bone mebereko.
Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego eo, monana go tswa mo Mahalapye yo o gwebang ka go dira Toilet Paper a bone dithuso go tswa kwa lephateng la banana, Rre Sammy Hosea o ne a tlhalosetsa lekoko gore ene o bona go le botoka gore botona, bakwaledi ba maphata ba tswe mo diofising ba tsamae le lefatshe ba bone gore Batswana ba ka thusiwa jang gore dikgwebo tse ba di boneng di tswelele.
Rre Hosea a re go thata gore e le banana ba ba nang le dikgwebo ba bone kwa ba ka rekisang teng, ka gore mabentlele a matona a sa reke mo go bone, a tlatsa ka gore fa botona le bakwaledi ba ka tsamaya le bone ba ba fa thotloetso ba ka tswelela. O ne a gape a itela gore ba le mo dikgaolong jaana, a molaodi wa kgaolo a fiwe dithata mme ba kgone go thusega motlhofo.
Rre Hosea o ne gape a tlhalosetsa lekoko gore mathata a ba kopanang le one e le banana ba ba mo dikgwebong ke letlhoko la dikago kgotsa lefatshe le ba ka direlang mo go lone a re ba bolawa ke dirente tse di kwa godimo.
Mme Dimpho Keitebetse ene yo o boneng dithuso go tswa kwa lephateng la bong o ne a tlhalosa gore mathata a ba kopanang le one e le baroki ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa matsela. Mme Keitebetse a re le ntswa ba iteka fela thata, bothata jo bongwe jo ba kopanang le jone ke go phadisanya ka ditlhwatlhwa le mabenkele a batho ba China ba bone ditlhwatlhwa tsa bone di leng kwa tlase fela thata mme se se ba beye ka fa mosing ka jaanong Batswana ba reka kwa go bone.
Rre Motsholetsi Tlhaloganyo yo o tshelang le bogole ene a thusitswe ka go rua dikoko tsa mae le go lema merogo o ne a kopa lekoko go ba thusa gore ba thusiwe ka go fiwa ditirelo tsa puso di tshwana le go rekisetsa dikole gammogo le maphata a puso. Rre Tlhaloganyo a re ba a sokola fela thata ba tlhoka kwa ba rekisang teng mme fa puso e ka tlama dikole gammogo le maphata a puso go ba fa dithendera go ne go ka nna botoka ka le bone ba ne ba ka itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Bokopano
Date : 22 Jun 2016






