Mokgwa wa go tlhopha o a sekasekwa
22 Jun 2016
Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Dithapelo Keorapetse a re, puso e buisanya ka molao kakanyetso wa go tlhabolola mokgwa o go tlhophiwang ka one ka nako ya ditlhopho tsa setshaba. O buile se fa a buisa banni ba kgotla ya Tlhakadiawa kwa Selebi Phikwe mo phuthegong ya kgotla bosheng.
O ne a tlhalosetsa banni ba kgotla eo gore o mo komiting kwa palamenteng e e mo mererong ya go tsamaisa ditlhopho tsa setshaba mme ba ne ba itemogetse gore ba bone go le matshwanedi go fetola mokgwa wa go tlhopha ka o siilwe ke nako. O ne a supa gore ba tswa go tsaya malebela kwa lefatsheng la Namibia le le dirisang boranyane jwa dibalamakgolo go sa dirisiwe pampiri go tlhopha mme seo se fokotsa ditshenyegelo. O tsweletse a tlhalosa gore mme ba tswa go bona didirisiwa tseo kwa lefatsheng la India.
O ne a re ba tlaa dira patlomaikutlo mo setshabeng pele ga ba ka tsaya tshwetso ya go tsisa boranyane joo mo lefatsheng leno. Le fa go ntse jalo mopalamente Keorapetse o ne a itumelela seemo sa thuto sa toropo ya Selebi Phikwe mme a supa gore ba ofisi ya gagwe ba solofetsa go godisa serodumo se ka go abela bana ba ba dirang sentle go simolola ka ba lekwalo la ntlha go ema ka mophato wa botlhano dietsele le go abela dikole dieetsele.
Mo go tsa botsogo, moanamisa mafoko wa tsa botsogo wa toropo eo, Mme Onalethata Nkwe a re, e le ba botsogo ba tshwenyegile fela thata ka seemo sa botsogo sa toropo ya Selebi Phikwe ka dipalo tsa batho ba ba amiwang ke mogare le kankere ya molomo wa popelo di golela pele. O ne a supa gore bomme ke bone ba ba amilweng ke malwetse a tlhakanelo dikobo go gaisa borre ka dipalo di supa gore borre ba le 187 ba tshwerwe ka malwetse a tlhakanelo dikobo fa bomme bone ba le 1920.
Mo go tsa boimana jwa banana, basetsana ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le lesome le bofera bongwe ba imile ba le 44 mo ngwageng eno e ise e wele, fa ngwaga e e fetileng ba ne ba nna 181 mo tshobokong ya ngwaga, mme se se tsisa tlhobaetso ka kgodiso ya bana kwa malapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jun 2016






