Breaking News

Khama o gomotsa lolwapa lwa ga Sebele

22 Jun 2016

Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o rometse molaetsa wa kgomotso kwa go ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele morago ga go tlhokafala ga ga Mohumagadi Bolivia Sebele I.

Mohumagadi  Sebele yo o neng a fitlhwa Seetebosigo a le lesome le boferabobedi, o tlhokafetse kgwedi ya Seetebosigo e le lesome.

Mme Mma Sebele o ne a felegetswa ke dikgosi kgolo ka go farologana, tautona wa pele Rre Festus Mogae, baoki ba pele, le bodirelapuso ka go farologana.

Fa a bala molaetsa wa kgomotso wa ga Tautona, molaodi wa Kweneng Dr Themba Mmusi o boletse fa Tautona a tlhaloganya botlhoko jwa go latlhegelwa ke mongwe wa lelwapa.

Mo molaetseng wa gagwe, Tautona o kopile ba lelwapa la ga Kgosikwena Sebele go nna le tshepo le tsholofelo mo bogolong jwa modimo, a supa fa a lemoga fa tatlhegelo ya botshelo jwa Mohumagadi e amile Bakwena ka bophara.

Tautona Dr Khama o lemogile le go leboga seabe se mohumadi a nnileng le sone mo go direleng lefatshe leno, e le morutabana le go nna mooki ka sebaka.

Mme Mothusi Kenaletlhoko yo o neng a bua mo boemong jwa bana o ne a lebogela ka fa motsadi wa bone a ba tlhokometseng le go ba godisa ka teng, ka go ba fa molao wa botshelo o o badirileng se ba leng sone. 

O boletse fa mohumagadi a ne a le lerato mo go botlhe, e bile gape a sa batle bana ba ba senang setho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Emmanuel Tlale

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phitlho

Date : 22 Jun 2016