Breaking News

Koporase ya motlakase e abetse komiti madi

21 Jun 2016

Ramaranyane wa koporase ya motlakase go tswa Morupule Rre Oratile Mmusi o akgoletse  komiti ya kokoanyo matlole e e baakanyetsang molelo wa kgolagano ya Serowe go bo e tshwere ka natla go netefatsa gore tiro e, e tsamaya ka thelelo.

Rre Mmusi o buile se kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke komiti eo bosheng kwa Serowe. Mogwanto o, o ne o similola kwa CTO mme wa felela kwa kgotleng kgolo.

Mogwato o o ne o tshwerwe go kokoanyetsa komiti e madi go bona gore letsatsi le nna le bontsi jo bo tlaa le gakologelwang bogolo jang ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ipusa, mme e bile molelo o o tlaa bo o tshwerwe kwa  Serowe ka letsatsi la ga Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama kgwedi ya Phukwi e tlhola gangwe. 

Molelo wa kgolagano o tsile go nna kwa Serowe malatsi a le mane, ntswa o goroga kwa  kgaolong -potlana ya Serowe (SAA) kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe, mme o gorogela kwa motseng wa Malatswae. 

Rre Mmusi o ne a re koporase ya motlakase, e ikemiseditse go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba go rurifatsa gore ba tokafatsa matshelo a banni ba lefatshe leno, a re ke ka seo ba boneng go tshwanela go fa komiti e madi a a kana ka P50 000 go baakanyetsa tiro e kgolo e e tlang. 

E rile a ntsha la gagwe mothusa motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse a leboga bao ba ba neng ba gwanta a re selo se, se supa lorato le boikarabelo jwa bone. 

O ne a re mogwanto o, o mosola thata bogolo jang mo kgannyeng ya botsogo le gone go bona thotloetso ya madi. 

Kgosi Seretse o ne a re selo seo ke sesupo sa gore ba tshwaraganye go isa lefatshe la bone ko pele, ka tiro e, e le ya botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Mogwanto

Date : 21 Jun 2016