Kgotla ya Thini e a tsabakela
20 Jun 2016
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe, o galaleditse komiti ya ditlhabololo tsa Thini kwa Tutume go gapa sekgele mo dikgaisanong tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.
Rre Galeragwe o buile se kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya go nna komiti e e dirileng go gaisa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolong-potlana ya Tutume bosheng.
A re mo dikgaisanong tsa ntlha tse di neng di akaretsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa metse e e masome mararo le borobabobedi e e mo kgaolong-potlana ya Tutume, komiti ya Thini e ne ya gapa maemo a bobedi mme ya fetela kwa pele mo go neng go gaisana dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di le masome mabedi le gone ya gapa maemo a bobedi.
Rre Galeragwe a re seo ka bonosi se bontsha gore mosepele wa go goroga koo e ne e se o o bonolo ka jalo se se bontsha gore boineelo le go dira ka natla ba le seopo sengwe ba direla morafe le lefatshe ke dingwe tse di dirileng gore komiti eo e bo e e ipela gompieno.
O ne a gwetlha komiti eo go tswelela e tshegeditse seo e seka ya nna gone fa go feletseng tema foo, mme ba tswelele ka go dira fela jalo e bile ba tseye maemo a ntlha.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Thini, Rre Private Monyamane a re tshwaragano le tirisano mmogo ya bogogi le batho ba Thini ke tsone tse di dirileng gore ba kgone go fenya dikgaisano tseo.
Rre Monyamane o ne a bolela fa ba nna ba rerisanya le batho le go supa ka fa ba dirisang madi ka teng le metsotso ya bone e tsamaelana le se melawana ya komiti e se buang.
A re gape ba le maloko ba kgonne go ngathogana bonnye jo ba atswiwang kwa komiting eo ka jone go thusa motlhoki mo kgotleng ya Thini, a supa fa go sa felela foo ba leka ka bojotlhe go fetola matshelo a batho ka bontsi.
O ne gape a akgolela batho ba kgotla eo tirisanyo mmogo le go ba ema nokeng nako le nako, a re ba na le mowa wa bojammogo e bile ba nyoretswe ditlhabololo mme a gatelela ka gore ba fa ba leng teng ka kemo nokeng ya bone.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ipelela phenyo ya komiti ya Thini ka go tsaya maemo a ntlha mme ba abelwa setlankana, sejana se se amoganwang le madi a dipula di le dikete di supa.
Rre Mokgethi a re maikaelelo a mangwe e ne e le go tsenya mogopolo le go rotloetsa dikomiti tse dingwe go tsaya malebela mo komiting eo ya Thini. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Moletlo
Date : 20 Jun 2016






