Breaking News

Batswana ba kopilwe go tsosolosa ngwao le go tlotla dikgosi

20 Jun 2016

Batswana ba kopilwe go tsosolosa ngwao le go tlotla dikgosi. Kopo e, e dirilwe ke Kgosi Senau Ramaribana fa a ne a amogela molelo wa kgolagano kwa Setsile bosheng.  

A  re fa Batswana ba ka tsosolosa ngwao ka go simolodisa mephato e e ka rutang banana  mekgwa le tsamaiso ya Setswana, banana ba ka emisa go kopisa dingwao tsa ditshaba disele ba ikgatholosa ya bone. 

Kgosi Ramaribana a re Batswana ba tshwanetse go tlotla dikgosi segolo jang Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Bathoeng wa Bangwaketse ka e le bone ba kopetseng lefatshe leno tshireletso.

O ne a galaletsa Tautona wa ntlha, Sir Seretse Khama, ka go ithola marapo a bogosi jwa Bangwato go nna lepolotiki la ntlha go etelela lefatshe la Botswana.

A  re Batswana ba tshwanetse go itumelela gore fa esale lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka 1966 ga go ise go nne le mekubukubu ya dintwa tsa semorafe kana dipheretlhego tsa sepolotiki.

Kgosi Ramaribana o rile ka ntlha ya tshwaragano le popagano ya tshaba ya lefatshe leno, ke sone se palamente e dirileng molao wa gore ditswammung tse di bonwang mo lefatsheng leno di dirisiwe go tlhabolola matshelo a Batswana go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe. 

E  rile Rre David Radikhukhwane a tswa la gagwe a kopa mmuso go agela batho ba motse wa Setsile sekole se sebotlana, kokelwana le go ba tsenyetsa motlakase gore ba emise go latela ditlamelo mo Mahalapye, a ba a kopa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go etela motse wa bone gore ba emise go mmonela kwa Mahalapye le Mokoswane kana mo ditshwantshong tsa motshikhinyego.

Kwa Makwate,Shakwe,Taupye le Kudumatse marara a metse eo a boletse fa go tsena ga molelo wa kgolagano mo metsing ya bone go tlaa nonotsha popagano e ba tswang kgakala ba ntse ba tshela ka yone e bile ba bolela fa molelo oo, o tlaa ba tlogelela lesedi la sennela ruri.

E  rile Mme Rebonye Olaetse wa motse wa Setsile le Mme Gaone Ketumile wa Mokoswana gammogo le Rre Seema Pifelo ba bua mo boemong jwa banana, ba supa fa banana ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la ditiro, boimana jwa banana mo dikoleng, letlhoko la lefatshe le banana ba ka dirang dikgwebo mo go lone le tiego ya go thuswa ka mananeo a puso.

Mo loetong lwa molelo oo, o o setseng o tsamaile le metse ya Makwate,Shakwe,Taupye,Setsile, Mokoswana le Kudumatse mothusa molaodi wa kgaolo ya Mahalapye Rre Feredrick Ndjavera o ne a rolela morafe molaetsa wa ga Tautona mabapi le maikaelelo a go simolodisa molelo wa kgolagano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 20 Jun 2016