Breaking News

Badirelapuso ba phepafatsa Masunga

20 Jun 2016

E rile bosheng, badirelapuso kwa Masunga ba inaakanya le go phepafatsa motse e le bontlha bongwe jwa go ipelela letsatsi la bodirelapuso.

Ka thuso ya banni ba motse oo, ba ne ba bolotsa letsholo la go phepafatsa Masunga.

E rile a bua morago ga phepafatso, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Charles Amos, a leboga badirelapuso go bo ba ne ba ipha nako ya go araba pitso ya go phepafatsa tikologo.

Rre Amos a re badirelapuso ba supile fa ba na le tebelopele e ebile ba na le boikarabelo, a re ka jalo ba tshwanelwa ke go ipelafatsa go bo e le badirelapuso ba tlhwatlhwa.

A re go tsibogela pitso ya phepafatso tikologo ke sesupo sa gore ba tlotla tikologo e ba tshelelang mo go yone, a re mo godimo ga moo, ba itshupile fa e le masupatsela a maemo a ntlha.

Mokwaledi o boletse fa go phepafatsa tikologo go le botlhokwa thata, a re leswe le dira gore tikologo e seka ya kgatlhisa, mo e felelang e tlhoka boleng jwa kgogedi mo setshabeng, a re gape batho ba tshwanetse ba itse fa tikologo e e leswe e na le ditlamorago tsa go tsisa botsogo jo bo sa siamang, ka e baka malwetse ka go farologana.

Rre Amos a re batho ba na le go itebala mabapi le boikarabelo jwa bone jwa go phepafatsa tikologo ya bone gangwe le gape, mo bangwe ba nnang ba solofetse go bona modiri wa khansele wa phepafatso tikologo e le ene a dirang jalo mo boemong jwa bone.

Ka jalo o ne a kopa batho gore ba itharabologelwe, ba ititee ka thupana go netefatsa gore phepafatso tikologo e nna sejo sa bone sa letsatsi le letsatsi.

Fa a bua mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Masunga, motshwara madi a komiti eo, Rre Joshua Monyamane le ene o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke badirelapuso.

Rre Monyamane o ne a supa fa badirelapuso ba Masunga ba dirile go le gontsi, a re fa ba fetileng teng go na le motlhala, o o ba supang fa ba ne ba na le maikemisetso a magolo mo phepafatsong ya bone.

O ne a leboga boeteledipele jwa lefatshe leno ka go tla ka mogopolo oo, o ka one badirelapuso ba phepafatsang metse e ba direlang kwa go yone, a re o eletsa seo e ka nna selo modiro.

Mogolwane mongwe gotswa mo lephateng le le itebagantseng le phepafatso tikologo mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Rre Mopati Tapiso o ne a supa kamego go bo motse wa Masunga o ne o le mo tebegong e e sa kgatlhiseng, ya leswe le le neng le ngomola pelo, e bile le ne le setse le fekeetsa le bone badiri ba lephata la gagwe tota.

Rre Tapiso o ne a re o itumedisiwa ke ka fa babereki ba maphata ka go farologana a a mo Masunga ba neng ba araba pitso eo ka teng, ka ba ne ba tla letsholong leo ka dipalo tse di nametsang, fela o ne a supa tlhobaelo go bo morafe wa Masunga o ne wa nna maoto a tshupa go tsaya karolo, ka o sa tla ka dipalo tse di nametsang.

A re lentswa tiro e dirilwe, fela ga go a wela, ka jalo a gwetlha morafe wa motse wa Masunga go tsweledisa tema eo, ka go nna ba phepafatsa tikologo ya bone ka dinako tsotlhe go na le go emela gore go nne le matsholo a phepafatso tikologo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Letsatsi la badirelapuso

Date : 20 Jun 2016