Go dirisa bana botlhaswa go a tshwenya
19 Jun 2016
Mothusa ramapodisi wa Molepolole, Assistant Superintendent Salome Segale, o ntshitse matshwenyego ka dipalo tse di tsweletseng ka go gola tsa thubetso le tiriso botlhaswa ya bana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borataro.
Assistant Superintendent Segale o ntshitse matshweneyego a bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Molepolole-Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko, kwa kgotleng ya gooraMmopi kwa Molepolole.
Mme Segale o tlhalositse gore e sale ngwaga ono o simologa, sepodisi sa Molepolole se ne sa kwadisa dikgang di le lesome le motso tsa tiriso botlhaswa jwa bana le di le masome a mabedi le borobabobedi tsa petelelo.
O tlhalositse gore bangwe bana ba ya maitisong ba le nosi mme a re mo go borai mo matshelong a bone
O gwetlhile batsadi go fa bana kgalemo e e rileng le go tlhaloganya metsamao ya bone a re mo go ka thusa go ba hapha.
O bile a supa matshwenyego a mangwe e le go gola ga dipalo tsa dikgang tsa dipolao tsa batho e a reng e le lesome le motso fa e sale ngwaga ono o simologa.
Assistant Superintendent Segale a re ga ba sa tlhole ba tlhaloganya se se kuketsang melato e mme a re ditagi di na le seabe ka jalo a rotloetsa batsadi go tshwaragana le ba sepodisi go thusana bana.
Fa a lekodisa banni mo go tsa mhama wa temo-thuo, mogolwane go tswa ko ofising ya tsadiso le tlhabololo ya leruo, Rre Tshepiso Siele o rotloeditse banni go rekisetsa ofisi e leruo a re go na le tlhaelo ya dihutshane go di abela bao ba ba sekasekilweng ba ba dirileng dikopo tsa go abelwa dihutshane tsa nyeletso lehuma.
A re palo nngwe le nngwe e motho a eletsang go e rekisa e ka dira pharologanyo ka jaana a tlhalositse gore go na le melala ya dingwaga tse di fa morago mme a re fa ba bona dipodi tse ba tlaa simolola ka go abela dihutshane ba ba saleng ba sekasekilwe go fokotsa melala eo.
Rre Siele o tlhalositse gape gore ba ofisi ya gagwe ga ba sa tlhole ba tsaya sebaka se se leele go duela batho ba ba rekisetsang ofisi eo dihutshane, ka a re go ne go na le selelo se sentsi gore ba tsaya nako go duela mme a re seemo se fetogile ka jalo a tlhalosa fa ba tsaya sebaka se se sa feteng dibeke tse pedi go duela barekisi ba leruo leo.
Mongwe wa banni, Moruti Marukuru o iteetse legofi tlhabololo mo dituelong tsa dihutshane a re tiego mo dituelong ke ba ofisi e e ntse e ba kgoba marapo go ba rekisetsa dihutshane tsa bone.
Fa a tswelela a akgela mo pegong ya sepodisi o ne a kgala borre ba ba dirisang botlhaswa bana ba dingwaga tse di ko tlase ga lesome le borataro a re ba senyetsa bana bokamoso, mme a re borre ba eme ka dinao go ema basadi nokeng mo tlhokomelong ya bana. E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Molepolole-Lentsweletau Rre Motoroko o gwetlhile banni go dirisa lenaneo la tekeletso la khansele la My Bin Project le ka lone batho ba rekang dithini tse go latlhelwang matlakala mo go tsone ka makgolo a mabedi a dipula mme ba tseelwe matlakala ntle le tuelo ke badiri ba khansele sebaka sa dikgwedi tse thataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2016






