Breaking News

Molao wa ditlhapi o tlaa sekasekwa

19 Jun 2016

Badiri ba  lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa kgaolong ya Bobirwa, ba tsamaya metse e e mo kgaolong eo go itsise setshaba ka melao kakanyetso ya go tshwara ditlhapi e ba batlang go e fetola.

Modiri mo lephateng leo, Mme Fenny Mapharing, o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa Molalatau kgwedi eno e le lesome le bone.

Mme Mapharing  a re molao o o mo tirisong gompieno ke o o sekasekilweng ka ngwaga wa 2008.

O tlhalositse fa ba bone go le maleba gore ba dire patlo maikutlo mo setshabeng sa Bobirwa, ka ba na le letamo mo kgaolong ya bone.

Mme Mapharing a re ba lemogile fa Botswana jaaka mafatshe a mangwe, a ka nna a welwa ke seru sa go nyelela ga ditlhapi, ka jalo  ba batla go tila kgwetlho eo ka go fetola melao mengwe.

O tlhalositse fa mo molao kakanyetsong wa gompieno, go tshwara ditlhapi tse motho a di jang mo lapeng a sa di rekise go ka dirwa ke Batswana fela, mme e bile o ka tshwara ditlhapi di le lesome fela ka letsatsi.

Mme Mapharing o tlhalositse gore pele go ne go dirisiwa letloa lengwe le lengwe go tshwara ditlhapi, mme mo molao kakanyetsong wa 2016 letloa le le nang le maroba a mannye le sa letlelelwe go dirisiwa.

O tlhalositse fa letloa la maroba a mannye le tshwara ditlhapi tse ditona gotlhe le  tse di nnye tse di iseng di gole sentle, mme se se dira gore di seka tsa oketsega.

Mme Mapharing a re  mo molaong wa pele, teseletso ya go tshwara ditlhapi go gweba e ne e le P200, mme e tlaa okediwa go nna P500.

A re mo teseletsong ya go tshwara ditlhapi ya itloso bodutu, motho o ne a letlelelwa go tshwara a bo a tsamaya ka ditlhapi di le tlhano, mme mo go wa gompieno go tlaa bo go sa letlelelwe go tsamaya ka sepe.

O tlhalositse fa go dirisa lesedi go oka ditlhapi ka bontsi go tlaa bo go sa letlelelwe le gone.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa banni ba motse, Major Peter Ngwako o kopile ba lephata la diphologolo le makgabisa naga gore fa ba neela baikopedi diteseletso tsa go tshwara ditlhapi, ba tlhomamise gore ga ba neele batho ba motse o le mongwe fela.

O kopile gore diteseletso di kgaoganngwe batho ba metse yotlhe e e dikologileng letamo go itsa dikgotlhang.

Kgosi Solomon Pharithi le ene o ne a latlhela tlhware legonnyana, a ema banni ba motse wa gagwe ka lefoko. O kopile setshaba gore ba seka ba rekisa ditsha tse ba di abetsweng ka lefatshe le tlhaela.

Kgosi Pharithi o rotloeditse banni ba motse go tswelela ba tshwaragane go baakanyetsa moletlo wa boipuso fela jaaka ba ne ba baakanyetsa molelo wa kgolagano.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selelo Moshokgo

Location : MOLALATAU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2016