Tshireletso ya bana mmammane
19 Jun 2016
Mafatshe a Aferika a ne a tlhoma letsatsi la kgwedi ya Seetebosigo a lesome le borataro go nna segopotso sa ditiragalo tsa matlhotlhapelo tse di neng tsa ama bana ba Aferika, bogolo jang tse di neng tsa diragala kwa Aferika Borwa mo dingwageng tse di masome mane tse di fetileng.
Fela jaaka mafatshe a mangwe, Botswana o tsweletse ka go keteka letsatsi leo ngwaga le ngwaga, mme le banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le bone fela jalo ba ne ba keteka letsatsi leo mo mafelong ka go farologana a kgaolo eo.
Kwa moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Butale, dibui ka go farologana di ne tsa supa botlhokwa jwa go sirelediwa ga bana mo ditiragalong tse di ka ba senyetsang bokamoso.
Ba re batsadi le ba-na-le-seabe botlhe, ba tshwanetse ba netefatsa gore ga go nne le dikgoberego le tlhakatlhakano epe, mo go ka amang bana le gone go gapa matshelo a bone tota, ba gatelela gore tshireletso ya bana e tshwanetse ya nna ya maemo a ntlha.
Fa a ntsha la gagwe, molalediwa wa tlotla kwa moletlong oo, e leng mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Agrey Makhila o ne a re fa dikgoberego le tlhakatlhakano di ka nna teng, seo se ama bana le banana ka ditsela tse di farologaneng.
A re seo se felela se baka gore ditshwanelo tsa bana di amege ka tsela nngwe, ka ba felela ba sa akole ditshwanelo dingwe jaaka tsa go bona ditirelo tsa botsogo, go tsena dikole, go tshelela ka fa tlase ga ba malwapa a bone le tse dingwe.
Rre Makhila a re go a tshwenya ka jaana bana ba amiwa jaana le ntswa bone ba sa tseye karolo epe mo go bakeng dikgoberego tseo.
Le fa go ntse jalo, Rre Makhila o ne a re lefatshe leno, ke lengwe la mafatshe a a tseelang kwa godimo melawana e e laolang ditshwanelo tsa bana, a tlatsa ka gore fa esale go simolodisiwa lephata la banana, metshameko le ngwao, puso ya lefatshe leno e ne ya supa fa e ikemiseditse go fedisa dikgotlhang le matlhoki a a lebaneng banana.
O bile a re go botlhokwa gore Batswana ba ithute mo ditiragalong tse ba di bonang di diragalela bana ba mafatshe a a mo tikologong ya bone, mme ba leke bojotlhe go di dibela gore ba seka ba bona seo se diragala mono.
Rre Makhila o ne gape a gakolola banana gore ba itlhaloganye, e bile ba dirise ditlhaloganyo tsa bone ka fa go tshwanetseng, ka e le tsone di ka ba thusang go fenya dikgwetlho tse ba kopanang natso.
E re ka jaana go dirisiwa ga bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, e le sengwe sa dilo tse di lejwang di holodisa maiteko a lefatshe leno a go leka go sireletsa ditshwanelo tsa bana, e ne ya re a tshwaela mo ntlheng eo, Constable Joyce Phalanyane wa sepodisi sa Botswana kwa Tshesebe, a kgala a mmene phatla batsadi bangwe ba ba nang le mokgwa wa go gataka ditshwanelo tsa bana ka dinao ka gone go bepa mpa ka mabele fa ditiragalo tsa go nna jalo di diragalela bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : BUTALE
Event : Segopotso sa letsatsi la ngwana wa mo Aferika.
Date : 19 Jun 2016






