Banana ba a rotloetsana
19 Jun 2016
Baemedi ba banana kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba rotloeditse banana go seke ba ipona tsapa mme ba nne le tebelopele fela jaaka boeteledipele jwa lefatshe leno.
Ba re boeteledipele jwa lefatshe leno bo bonetse pele gore go ka beelediwa mo bananeng ka jalo ba dirile mananeo a a farologaneng gore banana ba nne le bokamoso.
Banana ba buile jalo kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami bosheng kwa tirong ya go amogela molelo wa kgolagano.
Go bonala fa banana ba tsaya ka tsoo pedi se puso e se ba direlang bogolo jang mananeo a a ba tlhamelang ditiro ka ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ka tse di amang banana.
Bontsi jwa baemedi ba banana mo metseng ka go farologana ba ne ba gwetlha banana ka bone go tsibogela mananeo le go nna banana ba ba nang le boikarabelo.
Ba re go le gantsi bogogi jwa lefatshe leno bo bua bo sa kgwe mathe ka fa banana ba sa amogeleng mananeo a bone ka teng ka jalo ba solofela fa molelo wa kgolagano o tlaa ba fa lesedi le tebelopele gore e nne baeteledipele ba ba popota.
Diphetogo Outule wa Ramokgonami a re banana ba tshwanelwa ke go ikitaya ka thupana mme ba intshe mo letlhokong la ditiro ba bule dikgwebo gore le banana ba bangwe ba bone diphatlha tsa mmereko.
A re go setse go na le dikai tse dintsi tsa banana ba ba setseng ba tsere mananeo a a ba ntshang mo mekgwatheng mme go supagala fa mananeo a puso e a dirileng e le mananeo a a ka ba isang golo gongwe ka ba hirile banana ka bone. A re puso e supa fa e na le keletso e ntsi ya gore banana ba tswelele pele mo botshelong.
O ne a rotloetsa banana ka ene go nna le mowa wa boithaopo mme ba seka ba baya mo go reng ba tshwanetse ba duelwe fa ba dira ditiro mo metseng ya bone.
Rre Omphile Motlhabankwe wa motse wa Mokobeng yo le ene a neng a bua mo boemong jwa banana o ne a re molelo wa kgolagano o buletse banana gore ba itse molemo le bosula.
A re molelo wa kgolagano o tsisitse lesedi, popagano le tirisano mmogo mme o na le tsholofelo ya gore banana ba tlaa dira tse di molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 19 Jun 2016






