Go fetola leina ga go motlhofo - Batshu
16 Jun 2016
- Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o gakolotse banni ba Kgomodiatshaba gore go fetola leina ga go motlhofo fela jaaka bontsi bo akanya.
Rre Batshu o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Kgomodiatshaba ka Labobedi.
Le fa go ntse jalo, tona o kopile ba ba batlang go fetola maina a bone ba itse fa go se bonolo ka fa molaong, a tlatsa ka gore, tsela ya teng e motsopodia, ka jalo a kopa gore batsadi ba fe bana ba bone maina a a monate a ba tla a ratang.
Rre Batshu o tlhagisitse banni gore lephata la gagwe le tshwenngwa ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 16, ba ba berekang mo masimong, merakeng le mo madirelong.
A re bana ba ga ba a tshwanela go bereka.
O buile a sa kgwe mathe gore ope yo o tlaa fitlhelwang a berekisa bana ba go nna jaana o tlaa lebagana le molao.
A re keletso ke gore bana ba tsene sekole ba tie ditlhaloganyo pele ba bereka.
E ne ya re fa a amogela tona mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Peter Kgakole o ne a kaya fa ba lebogela mananeo a puso e ba a neelang jaaka matlo a a agetsweng batlhoki a le lesome le borataro. Mme o ngongoregetse terata ya molelwane e e kgaoganyang Bakgatla, Bakwena le Bangwato e a reng e ole e bile e le borai ka dikgomo di e tlola.
O kopile puso gore e baakanngwe ka jaanong dikgomo tsa merafe eo di tlhakatlhakana e bile le bogodu jwa dikgomo bo ile magoletsa mo melelwaneng eo.
E rile a lekodisa tona ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boikhutso Raditshepe, a kopa puso gore e ba okeletse mananeo a a ka ba direlang letseno ka gore mo bogompienong ga ba na sepe se se kalo kalo se se ka ba tsenyetsang madi.
Le ene o kaile fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a goroga sentle mo mo motseng.
A re sebe sa phiri ke gore go na le dikompone tsa badisadikago tse di thapang babereki go le bosigo, a kaya fa seemo seo se sa siama.
E rile fa a akgela, monni mongwe wa motse, Rre Lefika Bantsi le ene a iteela kobo moroko kgang ya gore dikompone tsa badisadikago di ba kukunela go le bosigo go tla go thapa badiri.
A re le ene ke modiri mo go nngwe ya dikompone tseo mme fa ba hira go le bosigo jalo ba a ba rubelela ka ditumalano mme e re o sa dumalane le bone ba go bolelele fa ba tlaa thapa batho ba ba batlang go bereka.
A re ka ba a bo ba batla go oba letsogo, ba felele ba ineela.
Erile a tswa la gagwe, tona Batshu o ne a kgala thata mokgwa oo, wa go kukunela batho bosigo go tla go ba hira. O boleletse banni gore ba gane go hirwa bosigo.
A re go molemo gore batho ba dikompone tseo, hire motshegare le batho ba le teng go tswa basupi le ditumalano di dirwa sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : KGOMODIATSHABA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2016






