Khamphani e abela baithuti kwa Mbalambi
16 Jun 2016
Khamphani ya World Group of Companies e akgoletswe seabe sa yone mo go godiseng thuto.
Mo moletlong wa go abela baithuti ba sekole se sebotlana sa Mbalambi paka ya sekole ka Laboraro, Professor Happy Siphambe wa Unibesithi ya Botswana, o ne a lebogela khamphani eo go bo e ne ya tlhwaela tsebe boikuelo jwa gore e thuse bana ba sekole seo ka paka ya sekole.
Kopo e, e Prof. Siphambe a boletseng fa e dirilwe ke mokgatlho wa bana ba Mbalambi ba ba neng ba ikopanya go kokoanya madi le go tswa ka megopolo e mengwe ya go tlhabolola motse wa bone, e ne ya sega tema go aga botsalano le ba World Group of Companies, ba monongwaga ba neng ba abela sekole seo paka e le la bobedi ka tatelano.
O ne a supa fa go lemotshegile fa baithuti ba gantsi ba sa direng sentle mo dithutong e le ba matshelo a bone a tlhaelang dingwe tsa botlhokwa di akaretsa dijo le diaparo; mme a tlhalosa gore e re le mororo sekole se sebotlana sa Mbalambi se tokafaditse maduo a lokwalo la bosupa mo dingwageng tse di sa tswang go feta, go fitlhelela seo go nnile bokete ka bontsi jwa bana ba tshelela mo mabakeng a a thata a letlhoko.
Fa a ema baithuti ka lefoko, Prof. Siphambe o ne a ba lemotsha fa paka e ba e abetsweng ka boyone e ka seke e ba dire sepe se ba eletsang go tsoga ba le sone, a kaya fa go dira ka natla e le yone tsela e le yosi e e tlhomameng e e tlaa dirang gore ba fitlhelele ditoro tsa bone.
Batsadi ba baithuti ba sekole seo bone o ne a ba rotloetsa go ema ka dinao go bona gore tseo tse di tlhokwang ke bana di nna di le teng ka dinako tsotlhe gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong tsa bone.
O kgadile mokgwa o a supileng fa o atile mo Batswaneng bangwe wa go ikgantsha ka lehuma, a gwetlha batsadi go lemoga fa go ikgaratlhela mo botshelong go o fa seriti go na le go ikaega fela ka go nna mokgweleo wa batho ba bangwe.
Go sale foo, Prof. Siphambe o ne a akgolela barutabana ba sekole seo go dira tiro ya bone ka boineelo le manontlhotlho.
Fa a latedisa motlhala wa botsalano jwa bone le ba World Group of Companies, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mbalambi, Mme Sophie Pharo o ne a itsise batsayakarolo motirong eo fa e ne ya re go lemoga fa baithuti bangwe ba tla sekoleng ba sa apara jaaka go tshwanetse, mme se sa ba gwetlha go ikopanya le bana ba motse wa Mbalambi go kopela bana ba go nna jalo thuso.
Se a re, ke sone se se neng sa ba kopanya le Prof. Siphambe yo ene a neng a ba golaganya le ba World Group of Companies, ba e neng ya re ngogola ba abela bana ba le lekgolo ba ba neng ba na le letlhoko le le tseneletseng paka ya sekole.
Mo go reng sekole seo se dira jang, mogokgo o ne a tlhalosa fa kwa tshimologong go ne go le bokete ka e ne ya re ka ngwaga wa 2012 sekole sa bona masome a matlhano le bone mo lekgolong mo maduong a lekwalo la bosupa, fa e ne ya re ka 2015 sa kgona go fitlha kwa masomeng a robabongwe.
Mo moletlong oo, baithuti ba ne ba abelwa paka e e feletseng e akaretsa magareng ga tse dingwe mesese ya basetsanyana, marokgwe le dihempe tsa basimane, ditlhako, dikausu le dikipa.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MBALAMBI
Event : Potsolotso
Date : 16 Jun 2016






