Breaking News

Mojuta o rotloetsa banana go somarela ngwao

16 Jun 2016

Kgosi ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe, Mme Olebogeng Mojuta,  o rotloeditse banana go inaakanya le mmino wa dikhwaere go somarela ngwao.

Kgosi Mojuta o buile se mo moletlong wa dikgaisanyo tsa ga Tautona  tsa kgaolo ya Legare tsa mmino wa dikhwaere kwa Selebi Phikwe. 

Kgosi Mojuta a re dipina tse di neng di opelwa di tshwere melaetsa e e nonneng e e supang ngwao le meila ya Setswana di ntse di setswe morago ke kapari ya Setswana. 

A re go ka nna molemo fa di ka tsenngwa mo tirisong ka ngwao e ka se ka ya nyelela.

Kgosi Mojuta a re banana ke bone babusi ba kamoso ka jalo ba tshwanetse go ithuta ngwao le ditso tsa lefatshe la Botswana thata mo bagolong gore ba tsoge ba di fetisetsa kwa dikokomaneng tsa bone.  

Kgosi a re go supagala fa banana ba na le kitso e ntsi ka mananeo a puso e ba a tlhametseng mme go le mo maruding a bone go a diragatsa go intsha mo lehumeng.

Kgosi Mojuta a re se se itumedisang le go feta ke gore dipina tsa bone di bua ka Modimo mme a ba rotloetsa  go tswelela ba itshegeditse ka one mo sengweng le sengwe se ba se dirang.

E ntse e le kwa moletlong oo,mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molefhi Pilane, a re bokopano jwa go nna jalo ga go solegele molemo badiragatsi fela mme le ba dikgwebo tse di potlana ba na le se ba se robang ka go tla go rekisa dilwana ka go farologana le dijo.

Rre Pilane a re dikgaisano tsa ga Tautona maikaelelo a tsone ke go ntsha banana mo mekgwatheng le go supa talente ya bone ka se se  fokotsa borukutlhi le letlhoko la ditiro le le ba apereng.

O tsweletse a re bokgeleke jwa ngwao ya Setswana ga bo a tshwanela go felela fela mo lefatsheng la Botswana mme bo tswele le kwa mafatsheng a sele.

Mongwe wa barulaganyi yo e bileng e le mmabanana wa Selebi Phikwe, Mme Keneilwe Molosiwa a re maikaelelo magolo a meletlo ya dikgaisano tsa moopelo wa Setswana ke nngwe tsela ya go baakanyetsa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe la Botswana le ntse le ipusa.

Mma Molosiwa a re  mo dingwageng tse di fetileng dikhwaere e ne e le dilo tsa kwa masimo mme e le ba lephata la banana  ba leka ka thata go di tsenya mo bathong gore ba ba nang le ditalente di kgone go ba tshedisa. A re banana ba tshwanetse go nna le mokgwa wa go gaisana ka se se ka dira gore motho a gwetlhege go bereka ka thata. Dikhwaere tse di  masome a mabedi le boferabongwe go tswa mo kgaolong ya Legare di ne di iteisana borathana go ipatlela maemo a ntlha a go ya go tsena dikgaisano tsa legato la bofelo ka kgwedi ya Phukwi kwa Gaborone.

Maemo a ntlha mo kgaisanong ya mafelo a beke a gapilwe ke khwaere ya Lesedi go tswa Tutume ka matshwao a 69%, a bobedi a ne a gapiwa  ke ya Tsela Tshweu go tswa Francistown, fa a boraro a gapilwe ke ya Dipilara go tswa Palapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Dikgaisanyo tsa ga Tautona

Date : 16 Jun 2016