Breaking News

Mohumagadi Sebele o tlaa bolokwa ka Matlhatso8232

16 Jun 2016

Mme Mary Bovia Sebele o tla a bolokwa kwa Molepolole ka Matlhatso, Seetebosigo a le lesome le boferabobedi.

Mme Sebele ke mohumagadi wa ga Rre Kgosikwena Sebele I, yo e neng e le leloko la Ntlo ya Dikgosi go tloga ka ngwaga wa 1984 go tsena 2000. 


Mokwalo o o tswang kwa lekgotleng legolo la Bakwena o tlhalosa fa Mme Sebele a tsholetswe kwa South Africa, a simolola dithuto tsa gagwe kwa Khayakhulu (Molatedi) go fitlhelela a dira junior certificate.

 E ne ya re ka 1965, a ithutela booki kwa Scottish Livestone kwa Molepolole.
 O ne a dira gape e le morutabana kwa sekolong se sebotlana sa Sebele kwa Molepolole.

 O ne a dira gape e le mooki yo a belegisang go tswa ka 1972-74 go fithelela a tsholetswa maemo ka 1974 go tsena ka 1996 mme a tloga a tsholediwa maemo gape go nna mooki yo mogolwane.
 

O ne a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 1997. O tsenye mo nyalong e e boitshepo le Rre Sebele ka ngwaga wa 1968. Moswi o tlogela monna, ngwana wa mosetsana le bana ba bana ba le bane. Mme Sebele o tla  bolokwa kwa mabitleng a a dikgosi kwa Molepolole.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Emmanuel Tlale

Location : MOLEPOLOLE

Event : Interview

Date : 16 Jun 2016