Mokhanselara o a kgalema
15 Jun 2016
Mokhanselara wa Tumasera/Seleka Rre Obitseng Gabadise o kopile banni ba metse ya Tumasera le Seleka go beela dipharologano tsa bone kwa thoko mme ba tswelele le ditlhabololo tsa metse ya bone.
O ne a bua jalo kwa kamogelong ya molelo wa kgolagano bosheng.
A re molelo wa kgolagano o raya sengwe mo banning ba metse ya Tumasera la Seleka mme ba tshwanetse ba fetoge mme ba tshelele mo kagisong.
A re molelo wa kgolagano o golaganya batho botlhe go akarediwa merafe, metse le batho ka bongwe ka bongwe ka jalo ga o a tshwanela go tsenwa ke dilabe dipe mme o tshwanetse o supe bommogo mo Batswaneng.
Rre Gabadise a re go a makatsa ka dikgang tse di farologanyang banni ba metse eo ka bobedi di etelelwa pele ke bagolo ba metse eo mme se se gakgamatsang ba itse ka Modimo ka jalo ba tshwanetse ba nne fa fatshe ba ipotse gore a ba dira sentle.
A re gobo molelo o kgabagantse mo metseng eo ka bobedi go raya gore ba itshekatsheke mme ba tshelele mo kagisong e e renang mo lefatsheng leno.
E ne e rile go le pele fa molelo wa kgolagano o amogelwa ke banni ba motse wa Seleka go tswa kwa Ramokgonami, ga nna le ketsaetsego ya mafelo a a neng a tshwanelwa ke go tshubelwa molelo.
E re ka metse ya Tumasera le Seleka e bapile thata banni ba ne ba sa dumalane ka mafelo mme go na le mafelo a ba neng ba batla go a tshubela molelo wa kgolagano botlhe.
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole o ne a itsise banni ba Seleka fa boikarabelo jwa gore motse ofe o ya go tshuba molelo kae bo le mo go ene ka banni ga ba a dumalana ka mafelo.
O ne a bolela fa a tlaa tsaya ditshwetso tse di maleba ka molelo wa kgolagano o batla kagiso e e maleba. Banni ba ne ba felela ba dumalane le ditshwetso tse di neng tsa tsewa ke molaodi.
Banni ba motse wa Tumasera ba ne ba kile ba supa gore ga ba kgone go dumalana ka mafelo a go isiwang molelo wa kgolagano le ba motse wa Seleka kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke tona wa botsogo yo ebileng e le mopalamente wa bone Mme Dorcas Makgato malatsi pele fa ba amogela molelo wa kgolagano.
Kwa phuthegong eo, Mme Makgato o ne a kopa banni go beela dipharologano tse di ntseng di le teng kwa metseng eo kwa thoko . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TUMASERA
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 15 Jun 2016






