Batshu o lekola badiri
15 Jun 2016
Tona wa pereko le selegae Rre Edwin Batshu o ne a leboga badiri ba lephata la gagwe ba kgaolo ya Kgatleng go bo ba dira ka natla le fa ba lebagane le dikgwetlho.
Tona Batshu o buile jalo fa a ne a lekola badiri ka Labobedi mo Mochudi a re o itse sentle gore ba kopana le dikgwetlho tse di akaretsang go tlhoka diofisi,dikoloi le dibalamakgolo mme o ne a supa fa seo se sa ba kgobe marapo ka ba tsweletse ka go fa Batswana ditirelo tse ba di tlhokang.
A re se se mo itumedisitseng ke go utlwa fa ba lephata la kwadiso matsalo le dintsho ba kgona go isa ditirelo ko setshabeng a tlatsa ka gore ba motse wa Kgomodiatshaba ba ne ba supa boitumelo ka seo mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo.
Tona Batshu o ne gape a rotloetsa badiri ba lephata la gagwe go bereka ba le seopo se le sengwe a fa sekai sa gore fa ba lephata la pereko ba sena koloi a ba kope thuso ko lephateng la ba mesepele a supa fa ba direla lephata le le lengwefela.
Tona o tsweletse a rotloetsa badiri go nna pelotelele le maitseo mo tirong ya bone dinako tsotlhe le boikarabelo gore ba kgone tiro ya bone.
E ne ya re a wetsa, tona o ne a kopa badiri ba lephata la gagwe go ikgapa mo tshenyetsong setshaba a supa fa seo se isa itsholelo ya lefatshe ko tlase.
E ne ya re go le pele fa a amogela tona, mogolwane go tswa ko ofising ya mesepele Mme Ellen Bogosi a leboga tona go bo a bone go le maleba gore a ba lekole.
Mme Bogosi o ne a tsibosa tona ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo diofising tsa bone ka go farologana a supa fa ba sena ditsompelo gore ba ise ditirelo sentle ko setshabeng.
A re ofisi ya bone e nyenyane fela thata mme ga ba kgone go thusa setshaba ba phuthulogile a tlhalosa gape a re ga ba na mokgweetsi a tlatsa ka gore yo o neng a le teng o tlogetse tiro ka bogodi mme ga ba ise ba fiwe yo mongwe.
O tsweletse a re le sekapa ditshwantsho (camera) se ba se dirisang ga se bereke sentle mme o ne a kopa tona go tsibogela dikgang tseo.
Fa ko lephateng la kwadiso matsalo le dintsho gone badiri ba ne ba supa fa ofisi e ba kwadisetsang manyalo mo go yone e se mo seemong se se siameng ba supa gape gore le dikarata tsa Omang ga gona ko ba di bayang teng.
Bangwe ba badiri ba ne ba itela mo go tona ba tlhalosa fa ba ngongorega ka go bereka nako e telele mo kgaolong ba sa isiwe ko dikgaolong tse dingwe ba re seo ka bo sone se dira gore ba felele ba sa ntshe maduo sentle.
Bangwe ba ne ba supa fa ba sa fiwe paka ya tiro fa ba tlhalosediwa go sena madi mo lephateng mme ba ne ba kopa tona go ba thusa ka dikgang tseo ba supa fa ba tswa kgakala ba bua ka tsone mme nako kgolo ke eno.
E ne ya re fa a leboga, mothusa molaodi Rre Boamogetswe Monyena o ne a supa fa mo kgaolong ya Kgatleng ba lebaganwe ke kgwetlho ya go tlhoka boroko ga badirelapuso mme o ne a kopa tona gore a bue le ba ba lebaneng gore ba kompone ya Botswana Housing Corporation ba ba thuse ka go aga matlo mo Mochudi.
A kaya fa go tlhoka boroko ga badirelapuso go sa ba berekise sentle mme o ne a kopa tona go ba thusa ka kgang eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Tekolo ya badiri
Date : 15 Jun 2016






