Breaking News

Re-a-Nyalana o fa seriti-Maele

15 Jun 2016

Tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele o lebogetse lenaneo la Re-a-nyalana go bo le tsisitse seriti mo banning ba metse ya Maunatlala, Seolwane le metse e e mabapi.

Fa a bua ka letsatsi la Re a nyalana le le neng le tshwerwe ko Maunatlala ka Mosupologo, Rre Maele a re lenaneo leo ke mogopolo o montle thata o puso e o tseetseng ko godimo.

A re Re-a-nyalana e tlaa thusa puso go lwantsha dikgang tse mo go tsone batho ba ba sa nyalanang bogolo jang bomme ba tseelwang dithoto.

A re lelwapa ke lone motheo wa puso ya batho ka batho. A re pele dikgang di ya kgotleng di buiwa pele ko malapeng ka jalo lelwapa le botlhokwa fela thata.

A re lefatshe leno le agilwe ka malapa.

A re lelwapa le tsisa seriti mo banyalaning a tlatsa ka gore lenaneo la Re-a-nyalana le thusitse go fa bomme le borre ba ba ntseng ba nna mmogo seriti.

O akgotse banyalani go bo ba ile ba tsaya legato go dirisa lenaneo le go itshwaraganya, a re le fa bangwe ba kgala mogopolo wa Re-a-nyalana, se ba tshwanetseng go se itse ke gore ba tshwana fela le ba ba ileng ba dira mekete fa ba nyalana.

A re selo se se botlhokwa ke lenyalo eseng mokete, a tlhalosa fa ditlankana tsa bone di tshwana fela le ba ba ileng ba dira mekete fa ba nyalana.

O ba gakolotse fa lenyalo le na le dikgwetlho tsa lone mme le tlhoka puisano le lorato go lwantsha dikgwetlho tse.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Sello Moroka wa Lerala a re o leboga ba Re-a-Nyalana, a re ba thusitse bogosi fela thata ka ba ne ba tshwaragane le namane e tona ya go seka dikgang tsa dithoto fa mongwe wa baratani ba ba nnang mmogo  a tlhokafala.

A re Re-a-nyalana o simolotse morago ga lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka dikgang tsa boitsholo jwa banana jo bo wetseng tlase le dikgang tse dingwe le le neng le eteletswe pele ke kgosi ya  Kgosi Puso wa Batlokwa.

A re nngwe ya dikgang tse di tshwenyang tse di supilweng ke lekoko leo ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a re go nna le tlhokakutlwisisanyo fa ba kgaogana kana yo mongwe a tlhokafala go lwelwa dithoto.

O ile a rotloetsa bomme le borre ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tsenelela lenaneo la Re-a-nyalana go tsena mo lenyalong.

Mme Annah Morwaagole mongwe wa basemolodi ba lekgotla le , a re Re-a-Nyalana o tlaa thusa go busetsa serodumo sa lenyalo e bile o tla aga lefatshe leno.

A re lenaneo le le fedisa lehuma la maikutlo mo malapeng ga mmogo le go thusa go emisa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS.

A re lenaneo le le thusa gore bana ba seka ba amogwa dithoto tsa bone ke masika ntateng ya letlhoko la dipampiri tse di supang fa batsadi ba bone ba nyalane. A re seemo se se tsisa dikgwetlho mo pusong ka bana ba felela e nna batlhoki mme go tlame puso go ba tlhokomela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MAUNATLALA

Event : letsatsi la Re a nyalana

Date : 15 Jun 2016