Baratani ba fitlhetswe ba tlhokafetse
15 Jun 2016
Baratani ba ba ntseng ba batliwa ba fitlhetswe ba tlhokafetse ,Seetebosigo a le lesome le bone .
Go rurifaditse jalo mogolwane wa sepodisi se e seng sa seaparo mo Kgaolong ya Nhabe , Senior Superintendent Mokwadi Willie. A re bobedi joo bo fitlhetswe bo le mo seemong se se sa siamang ba senyegile. O tsweletse a tlhalosa fa rre ane a akgega mo setlhareng kgakalanyana le mme yo ene go fitlhetsweng thipa mo dikgopong tsa gagwe.
Le fa go ntse jalo, Senior Superintendent Willie o tlhalositse fa ditopo tsotlhe di tlhatlhobilwe ka Labobedi. A re go setse go emetswe maduo a ngaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di tsweletse.
Mosadi o phaketse a bolokilwe kwa Boseja fa Rre le ene a ile go bolokwa kwa a tlholegang teng kwa Nshakashokwe. Bobedi jo, bo sale bo nyeletse mo bekeng e fetileng ka Laboraro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : maun
Event : crime
Date : 15 Jun 2016






