Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha le tokafatsa ditirelo

14 Jun 2016

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, a re ba kgonne go sekaseka mafelo mangwe mo kgaolong ya Bobonong.

Rre Poloko o tlhalositse fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa morafe ka manontlhotlho le go leba kwa pele mo isagong, le fa ba na le tlhaelo ya didirisiwa jaaka dikoloi.

O boletse fa monongwaga ka kgwedi ya Phatwe,  lephata leo le tlaa bo le isitse ditirelo tsa kgaolo ya bone tse ba di kgonneng le tse ba sa di kgonang kwa lekgotleng le legolo la kabo ditsha. 

“Re laetswe go tshwara diphuthego kgwedi le kgwedi tse ka tsone re tlaa bong re ntsha dipego ka fa re tsweletseng ka teng, e le go leka go bopa le go tiisa ka fa ba thusang setshaba ka teng.”

Rre Poloko a re ba tshwanetse ba leka bojotlhe go fokotsa kana go fedisa dingongorego go tswa go ba ba thusang mo lephateng la bone.

O tlhalositse fa ba tsile go tswelela ka kabo ya ditsha segolo jang masimo le phetolo ya ditsha le go itebaganya le dikgang tse di amang kabo ya ditsha, a tlatsa ka gore ba sa ntse ba emetse kabo ya ditsha tsa bonno mo metseng e ferabongwe ya kgaolo eo.

O kgothaditse maloko a kabo ditsha go tswelela ba bereka ka natla, e bile ba tshwaragane gore ba fitlhelele maikaelelo a lephata le a ipeetseng.BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2016