Breaking News

Sepodisi se amogela matlo

14 Jun 2016

Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, o abetse mapodisi matlo a le masome a mararo. 

Matlo ao a a ntshafaditsweng ka madi a a fetang P11 million, a ne a neelwa ramapodisi wa Botswana, Rre Keabetswe Makgophe. 

E rile a bua kwa moletlong wa go aba matlo ao kwa Palapye ka Labotlhano, Rre Molefhi a re tiro e ne e remeletse mo go shafatseng dikago tse di neng di le teng.

Tiro e ne e dirwa ke dikhamphane tsa banana di le lesome le bobedi.

A re tiro eo e feditswe ka nako le ka madi a a dumalanweng, ka jalo madi ao a dirisitswe sentle. 

Tona o boletse gore matlo a a tlhabolotsweng ao a thusa go fokotsa letlhoko la boroko jwa mapodisi.

Rre Molefhi a re tiro eo ga e a tlhama ditiro fela mme gape e ne ya tokafatsa dikitso tsa ba ba neng ba dira mo go yone, a tlatsa ka gore tiro eo e ne ya thapa batho ba feta masome a robabobedi bogolo thata bana ba Palapye.

A re seo se mo tsamaisong ya puso ya go seegela fa thoko selekanyo sa lesome le botlhano mo lekgolong sa ditiro tsa paakanyo ya dikago gore di dirwe ke banana.

Tona Molefhi a re o itumedisitswe thata ke ka fa banana ba dirileng ka teng mo ditirong tseo a bo a re lephata la gagwe le tlaa tlhomamisa gore mhama wa ditiiro tsa dikago o tsena mo diatleng tsa beng gae go simolola ka go neela bone banana dithata. 

E rile a akgela, mokwaledi mo lephateng la dikago boranyane le boitseanape, Rre Dikagiso Mokotedi, a re go shafadiwa ga matlo a mapodisi go ne go akaretsa go aga, go tsenya motlakase le go dira ditiro tse dingwe gape tse di neng di tlhokega mo matlong ao,jaaka go tsenya dibata, matlwana a boitiketso, fa go bewang diaparo teng, go tsenya bodilo jo bosha, matlwana a boapeelo, go penta go gokela motlakase le tse dingwe jalo jalo.

Rre Mokotedi a re tiro eo e ne ya abelwa dikonteraka tsa banana ngwaga o o fetileng ka Seetebosigo,mme konteraka ya bofelo e ne e le ka Moranang ngwaga ono mme seo se a lebosega. 

 E rile a amogela matlo ao, Rre Makgophe, a re matlo ao a tsile go tsholetsa mapodisi seriti go sena letsapa le ba fisang pelo kana go sena sepe se se ba tshwenyang mo meweng.

Rre Makgophe a re matlo ao a tlaa raya gore badiri ba bantsi ba isiwa kwa Palapye go ya go tlhabantsha borukutlhi bogolo jang petelelo le bogodu jwa leruo. 

Moemedi wa dikonteraka tse di ne neng di aga, Rre Mmoloki Passman wa Willington Holdings, o ne a itumelela gore puso e neela banana dithata tsa itsholelo. 

O boletse gore tiro eo ya kago e ne ya tsamaisiwa sentle ke baokamedi ba lephata le ba sepodisi letsatsi le letsatsi, mme seo sa ba rotloetsa gore ba itshware ka thata ba bo ba itshupe e le banana. 

Rre Passman o ne a kopa baokamedi ba dikonteraka tse dingwe go ne ba etela mafelo a go agiwang kwa go one gangwe le gape gore ba tle ba itse gore go diragalang kwa go direlwang teng.

O akgoletse puso go bo e ba file sebaka sa go dira tiro eo ya kago. Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, yo e billeng e le mopalamente wa kgaolo eo, Rre Moiseraele Goya o ne a lebogela ditlhabololo tsa motse wa Palapye.

O ne a re ditlhabololo dingwe le dingwe di na le dikgwetlho tsa tsone jaaka go tla ka mathata a borukutlhi, koketsego ya batho, ka jalo go a tlhokega go oketsa mapodisi. 

O ne a akgolela banana go bo ba dirile tiro ya bone mo nakong e e beilweng go supa bokgoni jwa bone kwa ntle ga dipelaelo dipe.

Rre Goya a re le fa Palapye jaaka metse e mengwe e lebanwe ke letlhoko la ditiro, fa banana ba ka tsenya moko mo go sengwe le sengwe se ba se dirang, ba tlaa isa lefatshe leno kwa mankalengkaleng. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : PALAPYE

Location : Palapye

Event : Moletlong wa go aba matlo

Date : 14 Jun 2016