Breaking News

Temo thuo e mosola mo itsholelong

14 Jun 2016

Tona wa temo-thuo Rre Patrick Ralotsia a re temo-thuo e na le seabe sa botlhokwa thata mo itsholelong ya lefatshe le ya malwapa.

Rre Ralotsia o buile jalo kwa ipelelong letsatsi la balemi e rulagantswe ke lekgotla la balemi ba ba lemelang thekiso kwa Maokane ka mafelo a beke.

A re temo-thuo ke yone modi wa metswedi e mengwe ya itsholelo ka e tlhama ditiro mme ke gone ka moo puso e dirang gotlhe mo e ka go kgonang go tlhama mananeo a e kareng kwa bofelong a tla ka tharabololo ya letlhoko la ditiro.

O boletse gore puso e ineetse mo go tlhatloseng temo-thuo ka mananeo a a farologaneng jaaka ISPAAD, LIMID, ASSP le lenaneo le lesha go simolodisiwa la go rudisa itsholelo.

Rre Ralotsia a re puso e dira se ka gore e na le tshepho ya gore mhama o o ka ntsha dijo tse di lekaneng tse di tlhokwang ke batho le lefatshe. 

Tona a re gape goromente o ikaeletse go thusa balemi-barui ba ba supang fa ba tlhwaafaletse tiro ya bone mme a rotloetsa barulaganyi ba moletlo oo go o tlotlomatsa thata go fitlhelela o tsena mo seemong se o ka nnang bontlha bongwe jwa ditiragalo tsa bojanala jwa tmo-thuo. 

 A re go dira jalo go tlaa dira gore go nne le temo-thuo e e tswakantsweng, ka jalo e godisa itsholelo ya lefatshe leno.

Rre Ralotsia o tsweletse ka go tlhalosa gore temo-thuo e tlhokana le boineelo le lorato mme batho ba tshwanetse go tlhaloganya pharologano fa gare ga batho ba ba ratang temo-thuo le ba a reneg ba e dira ka nakwana. O boletse gore balemi-barui ba nakwana ga ba ke ba felela kgakala le yone fa balemi-barui ba nnete ba itse se ba se batlang le se ba tshwanetseng go se dira, a tlatsa ka gore temo-thuo ke tiro ya bosigo le motshegare. 

 A re sengwe se batho ba tshwanetseng go se itse ka temo-thuo ke gore ga se tiro ya sephiri, mme ke tiro e e kopanetsweng, e go amoganwang dikitsiso le dikitso, megopolo le dikgwetlho.

Tona a re temo-thuo ke fela gore motho o bulegetse ba bangwe go le kae ka kitso ya gagwe, ke gone ka moo moletlo oo, o rulagantsweng ke barui ba le bane ba ba kopaneng go abalana megopolo le go supa tse ba di dirang. 

Moletlo oo ke mogopolo wa borre Thapelo le Thebe Setlalekgosi, Phenyo Nthase le Sonny Mokgadi. Borre ba bane bao ba ne ba kopanngwa ke lerato la go tsholetsa seemo sa temo-thuo kwa merakeng le masimo. 

 Rre  Ralotsia a re letsatsi la balemi la Mookane le le simologileng dingwaga tse tharo tse di fetileng ka fa tlase ga setlhogo se se reneng “Go rua dikgomo mo mafelong a a tlhakanetsweng” se salwa morago ke se se reng “masimo le moraka di kopane” di supa gore meono e yotlhe e supa boikemisetso, keletso e kgolo ya go atlega le tebelopele ya basimolodi ba lone.

 A re go a bonala fela gore moono wa bone ga se fela go ntsha dijo, mme gape ba lemoga seabe sa bone sa gore ba botlhokwa thata mo go ntsheng tsotlhe tse di tlhokafalang mo madirelong a temo-thuo. 

O ba tlhomamiseditse gore puso e tlhokana le batho ba ba tshwanang le bone ba ba ka isang lefatshe leno kwa pele gore le fetoge mo go nneng le le rekang dijo, mme boemo jwa moo,e nne le le di rekisang, mme ka jalo, puso e tlaa tswelela e ba ema nokeng. 

Gape o ba boleletse gore se ba se dirang, ga se tokafatse itsholelo ya lefatshe fela, mme gape se neela lefatshe leno seriti. Rre Ralotsia o tlhalositse fa dipula tse di netseng morago mo ngwageng eno di amile thata dijwalo, mafudiso, metsi mme ka mabaka a kwelotlase ya itsholelo, a kopa balemi-barui go tla ka ditsela tse di ka ba thusang go oketsa tse ba di ntshang. 

 A re jaaka go itshupile ka moono wa ngwaga eno,temo-thuo ke nngwe ya maiteko a puso a go tokafatsa tsamaiso ya lefatshe la temo-thuo.

O boletse gore Batswana ba le bantsi ba abetswe lefatshe la temo jaaka masimo le dipolase mme ga ba kgone go di dirisetsa ditiro tse dingwe gape go tswakanya temo-thuo fa ba leng teng ka jalo lefatshe ga le dirisiwe sentle go ntsha maduo a a kwa godimo. 

A re mofuta wa temo-thuo e e tlhakantseng e kgontsha molemi-morui go dira dilo tse dintsi mo lefelong le le lengwe fela, a dirisa ditsompelo kana meamuso e le mengwe fela jalo go fokotse ditshenyegelo. A re gape go kgontsha molemi-morui go dirisa gape kana go sola molemo tsotlhe tse di tswang mo temong ka jalo go fokotsa go rekela ruri.

Ka jalo o kopile balemi-barui go inaakanya le temo ya segompieno go oketsa go ntshiwa ga dijo mo masimong le meraka. Kwa bofelong, tona o akgoletse kemonokeng e e supilweng ke mhama o o ikemetseng ka nosi, ka go duelela moletlo oo, a tlatsa ka gore fa mhama o o ikemetseng o ema nokeng ntsho ya dijo, itsholelo e a tsogologa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : pelelong letsatsi la balemi

Date : 14 Jun 2016