Breaking News

Tshwaragano o batla ditlhabololo

13 Jun 2016

Banni ba kgotla ya Tshwaragano kwa Francistown ba lela ka tlhaelo ya ditlhabololo mo kgaolong ya bone.

Ba buile seo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamante wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi ka Mosupologo. Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego eo, Rre Boitshwarelo Modise o gateletse kgang ya tlhaelo ya ditlhabololo, a kaya fa ba sena leobo la kgotla.

Rre Modise a re ba sa le ba kopile leobo la kgotla, nako kgolo ke eno, a tlatsa ka gore le fa e le dipone tsa mekgwatha ga di bereke, le fa dingwe di tsentswe ga di tshube.

A re toropo e lefifi, le fa go ntse jalo o ne a kopa thuso kwa khanseleng, ka jalo motse wa bone o fetogile boremelelo jwa dirukutlhi.

O tlhalositse gape gore ditsela di ntse dikhutikhuti fela, a kopa gore batsayakarolo ba fefose go busetsa ditsela mo seemong. 

Rre Modise o kopile gore ba agelwe sekole se sebotlana, a re ba setse ba na le dikole tse pedi tse di tona, Botho le ABM ka jalo a supa se ba letla go nna le sekole se sebotlana.

Rre Paul Setimela  fa a tswa la gagwe a re go na le kereke nngwe e e  ba tsosetsang  modumo ka jalo  a kopa mapodisi go bona gore a kereke eo e ka fa molaong.

Rre Otsogile Mokgethi o tlhalositse gore borukutlhi ja go rekisa di CD tse  di seng ka fa molaong, bo atile thata kwa mapalamelong a dibese, a kopa mapodisi go tseela batho ba go nna jalo dikgato.

A re batho ba ba dirang jalo ba isa maiteko a badiragatsi kwa tlase, ga mmogo le gone go gopela itsholelo ya lefatshe leno.

Fa a araba mangwe matshwenyego a bone, Constable Maria Boseja o tlhalositse fa twantsho borukutlhi e le ya bone botlhe.

Constable Boseja o kopile banni go tsena diphuthego tsa twantsho borukutlhi tse di buisiwang ke sepodisi, a tlatsa ka gore dikgang tsa twantsho borukutlhi ga di a tshwanela go emela mopalamente.

O kopile gore fa motho a ka utlwa CD ya gagwe e letswa kwa bokaekae a lome mapodisi tsebe gore dikgang tsa go nna jalo di latedisiwe mme batho ba tseelwe dikgato tse di maleba.

Constable Boseja  o kopile setshaba go tshwaraganela dikgang tsa twantsho borukutlhi mmogo a re ga ba kake ba kgona ba le bosi. Mopalamente Mmolotsi o tlhalositse fa dikgang dingwe tsa ditlhabololo di tshwana kago ya leobo la kgotla di tlhoka go tshwaraganelwa, ka go ema ka dinao batho ba itirela.

Rre Mmolotsi a re o tlaa ba ema nokeng ka dinako tsotlhe fa ba batla thuso, a tlatsa ka gore kgang e kgolo ke mowa wa boipelego.

A re kgang ya dipone tse di mo mekgwatheng tse di sa tshubeng o tlaa di kopanya ke kompone ya metlakase go bona gore go diragala eng.

A re dipone tse di tsentsweng mme di sa tshube, o tlaa ikopanya le khansele gore di potlakelwe,le fa go ntse jalo Rre Mmolotsi o boletse gore puso ga e a ikemisetsa go ba agela sekole se sebotlana mo nakong ya gompieno, lebaka e le gore dipalo ga di letle, mme ba tlaa thusiwa mo tsamaong ya nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Jun 2016