Breaking News

Khama o lekola Gaborone Bokone

13 Jun 2016

Leeto la ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Gaborone Bokone ka Matlhatso, le ne la kopantshiwa ke dikopo tsa go isa ditlamelo kwa kgaolong eo. 

Tautona o ne a ya kwa dikgaolwaneng tsa Tsogang, Marang, Tsholofelo, Ledumang, Block 8 le Sebele Bokone. 

Bontsi jwa banni ba dikgaolwana tseo ba ba neng ba tsile go dumedisa Tautona , ba ne ba ngongorega ka bonya jwa ba ba lebanweng ke go ntsha ditlamelo. 

Kwa kgaolwaneng ya Tsogang, Mme Bosa Madisa, yo o nnang fela mo lwapeng fa esale a nna sekoa sa go swa mhama, a re ga a bone dithuso dipe le fa a sa bolo go ikopela go fiwa dithuso tsa mophako.

 Kwa kgaolwaneng ya Marang, Tautona o ne a kopana le ba lelwapa la mosadimogolo mongwe yo o nnang fela mo setilong sa ba-na-le-bogole mme a tlhokomela ngwana wa gagwe wa mosetsana yo o tshelang ka bogole. 

Bobedi joo bo ne jwa ikopela thuso ya mophako ka gore ba ikaegile fela ka mogwe wa bone yo o direlang mo nngweng ya dikhamphane tsa go disa dikago mme a sa amogele madi ape a a kalo a a ka ba thusang botlhe mo lelwapeng. 

Kwa Sebele Bokone, Tautona Khama o ne a abela mme mongwe wa mogodi kolotsana ya ba-na-le-bogole. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Sebele, Rre Daniel Mapolanka, o ne a kopa gore matlo a bonno a babereki ba Botswana University of Agriculture and Natural Resources a shafadiwe a bo a gokelwe motlakase. 

Tautona Khama o ne a neela ofisi ya batho ba ba tshelang le bogole tiro ya go thusa  ba ba tshwanelwang ke dithuso. 

Kwa kgotlaneng ya Tsogang, setlhopha sa basadi ba le 10 ba ba dirang ditena ka dipampiri go dira dikgong tse di ka dirisiwang mo lwapeng, ba ne ba kopa go thusiwa ka didirisiwa tsa metshine le lefelo le ba ka direlang fa go lone. 

Setlhopha seo sa re se thusitswe ke lekalana la bomme la phathi ya Domkraga, go tokafatsa matshelo a bone, mme ba supa fa ba sa kgone go dira dpoelo ka gore ba direla mo malwapeng jaanong bareki ga ba kgone go ba bona sentle. 

Kwa kgaolwaneng ya Ledumang, moemedi wa komiti ya tsa kgwebo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Thuso Khubamang a re ba ikaelela go aga lefelo le go tshwarelwang diphuthego mo go lone kwa lebaleng la metshameko la Ledumang, le le tlaa direlang komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana madi, mme a re ba tlhaelelwa ke madi go dira tiro eo. 

Banni ba Ledumang ba ne gape ba kopa gore mapodisi a a ne etela kgaolo eo kgapetsakgapetsa gore a bonale go tlhabantsha go anamisiwa ga ditagi ke banana mo mekgwatheng. 

Fa e le kwa kgaolwaneng ya Marang gone, banni ba ne ba kopa dipone tsa mekgwatha le gore mekgwatha e alwe ka ditena tse di alwang fa fatshe (paving), go bo go diragadiwe molao go fokotsa modumo o o feteletseng mo kgaolwaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Leeto la ga Tautona

Date : 13 Jun 2016