Kgosi Motshegare o kgalema borre
12 Jun 2016
Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare, a re o tshwentswe ke dintsho tsa bomme le bana ba basetsana ba ba bolawang ke banna.
Kgosi Motshegare o buile jalo ka Labobedi fa magosi a kgaolo eo, a ne a tshwere bokopano jwa borre ba Barolong go tswa kwa Good Hope le metse e e mabapi.
A re mo malatsing a gompieno, dipalo tsa banna ba ba bolayang bomme, bogolo jang e le bakapelo ba bone di ile magoletsa.
O tsweletse a bolelela borre gore jaaka ditlhogo tsa malwapa, ba lebanwe ke dikgwetlho, tse a reng, go botlhokwa gore ba nne ba kopana go itshekatsheka, go bona gore dikgwetlho tse di ba lebaneng ke dife, le gore ba ka thusa puso jang go di fitlhelela.
Kgosi Motshegare o ne a supa gape fa a tshwentswe ke bana ba ba senang tsebe, e bile ba inaakantse le nnotagi le ditagi jaaka metokwane tse a reng ba di reka mo malwapeng a a eteletsweng ke pele ke borre.
A re ga a jesiwe diwelang ke kgang ya go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana e a reng fa mongwe wa bobedi joo a tlhokafala, go nna le bothata.
Kgosi Motshegare o ne gape a akgolela borre go tshologela bokopano jo.
A re bokopano jo bo botlhokwa ka gore borre jaaka ditlhogo tsa malwapa ba lebanwe ke dikgwetlho lefatshe ka bophara jalo a tlhalosa gore borre ba tshwanetse go nna ba kopana go sekaseka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
E rile a akgela, motshwarelela kgosi yo mogolwane, Kgosi Mompati Marumoloa a bolelela borre gore a re bontsi jwa malwapa ga bo kgone go rarabolola mathata a bone ba beile fela mo go ba sepodisi le dikgosi a re mme seo, ga se botshelo jo bo siameng.
Kgosi Marumoloa a re bana ga ba tlotle batsadi ka jaana ba re ba itse batsadi ba bone e le ba ba nnang le bone kwa malwapeng fela, a tlatsa ka gore batsadi le bone ga ba kgalemele bana ba re ba tshaba go rogwa ke bana. A re bontsi jwa sebaka batsadi ga ba kgalemele bana ba re ba tshaba puso, mme puso ga e kgatlhanong le gore bana ba kgalemelwe, a tswelela a re a go seka ga lekalekanwa fela bana le bagolo go nne le pharologano.
Kgosi Marumoloa o rekiseditse borre mogopolo gore kgang e ya tekatekano, le go tlhoka go tlotlana ga bone go ka kgonwa fela ke fa go ka dirwa mephato, ka e le bontlha jwa ngwao e ka yone go ka itlhaloganngwang gape go tlotlanwa, go thusanwa gape go dirwa ditiro tsa boithaopi.
Kgosi Marumoloa o boleletse borre bao, gore o tswa go tsaya malebela ka ga mephato kwa gaNgwaketse le kwa Mokwena.
Fa a akgela, Rre Otsisitswe Mosiane wa Borobadilepe o ne a re mophato o dira gore dilo di boele mo tseleng, e bile o tlaa thusa mo go rarabololeng dikgang go na le gore dinako tsotlhe e bo e le mapodisi le dikgosi ba ba rarabololabg dikgang.
Rre Selelo Maoba wa Tlhareseleele ene o ne a re kgang ya mophato e botlhokwa fela thata, ka gore bone ba godisitswe ke batsadi ba e neng e le mophato, a re ba ne ba bolelelwa gore go direlwa gore ba seka ba tlhoka tlotlo.
Rre Maoba a re ka nako eo motsadi mongwe le mongwe e ne e le motsadi wa ngwana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore o kopana le ene kae.
A re ene o bona go tlhakatlhakane mme mophato o ka fokotsa dilelo, le matshwenyego a a apereng kgaolo ya bone.
Rre Arone Mosweu go tswa Mokatako o ne a bolela gore mophato o ka ba isa golo gongwe mo isagong, ka jalo a amogela mogopolo.
Borre ba Barolong ba amogetse mogopolo oo wa mophato ka diatla tsoo pedi ba supa fa gape o tlaa dira gore ba itsane, mo kgaolong ya Morolong.
Ba ne be dumelana gore mephato e tlaa dirwa mo Morolong, mme dingwaga tsa mephato ya borre bao di farologane ka dingwaga tse tlhano go simolola ka ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1941 go fitlhelela ka ngwaga wa 1990. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : GOOD HOPE
Event : Bokopano jwa borre ba Barolong
Date : 12 Jun 2016






