Breaking News

Sesinyi o tlhomilwe kgosi ya Mogome

12 Jun 2016

Kgosi Balebetse Sesinyi o tlhomilwe kgosi ya Mogome kwa kgaolong ya Serowe Borwa.

Kgosi Sesinyi o tsaya maemo a, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Dan Mosarwe ka ngwaga wa 2013.

Fa a baya Kgosi Sesinyi mo setilong ka mafelo a beke, Kgosi Masego Olebile wa Palapye o lebogetse banni ba Mogome go bo ba tlhophile Kgosi Sesinyi go sena dipharologano dipe.

A re mo malatsing ano, setilo sa bogosi se a lwelwa mme a akgola morafe wa Mogome go supa boikarabelo ka go tlhopha kgosi ba bopagane.

A re morafe wa Mogome o tlaa tswelela o nna sekai mo merafeng e mengwe.

Fa a laya Kgosi Sesinyi, Kgosi Olebile a re Kgosi Sesinyi ke maoto a batho ba Mogome. 

A re kgosi ke kgosi ka batho ka jalo o tshwanelwa ke go etelela morafe wa gagwe a sa tseye letlhakore.

A re kgosi o tshwanetse go amogela batho ba gagwe botlhe, e bile a tsepame mo boammaaruring fa a atlhola dikgang, a re kgosi ga a  tshwanela go tsaya pipamolomo.

O kopile morafe wa Mogome go tlotla kgosi, a re Kgosi Sesinyi o sale mmotlana ka jalo o sa ntse a tlhoka go pepetlediwa.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Christian Ntebele wa Radisele o rotloeditse Kgosi Sesinyi go agisanya le batho botlhe, a re fa go ntse go na le ba a sa tseisaneng molelo le bone o tshwanetse go simolola go tseisana molelo le bone.

O gakolotse batsadi go dira sentle le kgosi, ba mo gakolola ka fa tshwanelong e seng go mo latlhisa tsela.

Mo godimo ga se, moeteledipele wa Kereke ya Heavenly Garrison Prophet Meshack Mangadi a kgothaditse kgosi go itshetlela mo tumelong, a re Modimo fa a le teng ga gona mathata.

A re kgosi o tshwanetse go dira Modimo seikokotlelo sa gagwe, a re ke ene a ka mo fang natla le botlhale jwa go etelela morafe wa gagwe.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Sesinyi o lebogetse morafe wa Mogome go bo o mo tlhophile go o etelela, a re o ka kgona tiro ya gagwe fa morafe o ka mo ema nokeng.

A re fa kgosi a sa dire morero le batho ba gagwe, o tlaa iphitlhela a tsamaya a le nosi. A re motse wa Mogome o sa ntse o tlhoka ditlhabololo ga mmogo le twantsho borukutlhi, a re tse di ka kgonagala fa morafe o mo eme nokeng.

O ba kopile gore fa a fosang teng ba mmontshe tsela, ka a sa ntse a tlhoka tshipidi.

Mokhanselara wa Mogome/Mokgware e bile e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lesedi Phuthego o lebogetse Rre Sesinyi go nna ene mogogi wa bone morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mosarwe.

O lebogetse Rre Papa Moseki go bo a ile a tshwara morafe wa Mogome mo sefularong sa ga Kgosi Mosarwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MOGOME

Event : Peo ya Kgosi

Date : 12 Jun 2016