Bakwena ba itlhokoletsa boipuso
12 Jun 2016
Mothusa molaodi wa kgaolo ya Molepolole-Lentsweletau Mme Ikgopoleng Lekoape o gwetlhile Bakwena go nna seopo sengwe, ba ipaakanyetse ipelo ya boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano.
Fa a a rola pego ya tse di tshwanetseng go dirwa mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, Mme Lekoape o tlhalositse fa go tlhomilwe komiti ka fa tlase ga lephata la banana metshameko le ngwao e e bidiwang Botswana 50th Anniversary, e e leng yone e tlaa hesang mananeo a a tshwanetseng go dirwa.
O tlhalositse fa ntle le ipaakanyetso boipuso, komiti e e lebagane le ponelopele ya 2016, go netefatsa gore go kgonnwe eng, jang le gore tse di sa kgonwang go ka dirwa jang.
Le fa go ntse jalo, Mme Lekoape o tsweletse ka go tlhalosa gore Bakwena ba tshwanetse go ela tlhoko ditso tsa bone go sekaseka gore ke dife tse di ka dirwang go ipela e bile di supa ditso tsa Setswana bogolo thata tsa Bakwena.
Mme Lekoape o gwetlhile makalana ka go farologana, le batho ka bongwe go tsaya karolo mo dipaakanyong tse, le go supa seabe se ba tlaa nnang le sone. O ne a fa sekai ka gore mongwe o ka nna le seabe sa go ntsha dijo, a tlatsa ka gore le fa puso e nna le seabe, morafe le one o tshwanetse wa tsaya maikarabelo go itlaletsa.
E re a ntse a tsweletse, Mme Lekoape o ne a nankola mafelo mangwe jaaka Dithubaruba, Ga Mmakgosi gore a tshwanetse a baakanngwe a tsenngwe mo seemong se se kgatlhisang ka e le mangwe a mafelo a a supang ditso tsa Bakwena, le go oka bajanala.
Mme Lekoape o ne a gwetlha Bakwena go iketleeletsa go tsena diphuthego tsa go baakanyetsa boipuso go tla go amogana megopolo ka ditso le tse di ka dirwang, a re bodiredi bo le nosi ga bo kake ja kgona.
E rile a tswa la gagwe, Kgosikgolo ya Bakwena, Kgari wa boraro a tlhalosa fa puso e ntshitse madi a a tlaa thusang mo dipaakanyong a P250 000. O ne a nankola nngwe ya ditiro tse madi a a ka thusang mo go tsone, e leng go taka difalana go thapilwe ba ba nang le boitseanape jwa go kgabisa ka go taka.
Kgari o ne a bolela gore ntle le go taka go setse go rulagantswe go shafadiwa ga malwapa a a mo kgotleng kgolo. Kgosi o ne a rotloetsa botlhe go nna ba tsaya karolo mo dithulaganyong tsotlhe tse di beilweng gore ba nne le seabe mo ipelong ya lefatshe ya dingwaga tse di masome a matlhano.
E re go eme jalo, ntle le go baakanyetsa boipuso, go tlhalositse fa go tshwanetse ga ipaakanyediwa gape le molelo wa kgolagano o e tlaa reng ka kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo wa bo o goroga mo kgaolong ya Kweneng kwa motseng wa Kgope go tswa Kgatleng.
Go tlhalositswe fa go tshwanetse go baakanyediwa tsela ya go amogela molelo o, go ipelwa jaaka e le nngwe tsela ya go goroga kwa ipelong ya boipuso, go gatelelwa le ntlha ya gore banni ba tseye karolo.
Go tsweletse ga bolelwa gore molelo o wa kgolagano, o tlaa goroga mo motseng mogolo wa Bakwena-Molepolole kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le motso mme o nne go fitlhela e tlhola lesome le bone. Go ne ga supiwa sehikantswe sa molelo se se agiwang mo kgotleng, le mokgabisa wa ditlhaka tsa BOT50 tse di setseng di agilwe, gotwe setshaba se di babalela gore e nne tsa sennela ruri.
Fa ba fiwa sebaka sa go akgela le go ntsha megopolo mabapi le go ipaakanyertsa go amogela molelo wa kgolagagno le boipuso, mongwe wa banni Rre Edwin Keautlwe yo o neng a itshupa fa a le mo komiting ya go baakanyetsa boipuso, o ikuetse mo bodireding go nna ba lekola dikomiti tsa baithaopi le go di thusa ka tse ba di tlhokang. Rre Boiki Sibisibi ene o ne a kopa badirgatsi ba ba tlholegang mo metseng ya Mokwena go ikitaa ka thupana go nna le seabe.
Rre Sibisibi o ne gape a kopa gore mo meletlong e ya go amogela molelo wa kgolagano le ipelelo boipuso, go thapiwe dikomponi tsa banana ba ba nang le boitseanape, e le ba mo gae go ba rotloetsa, gape e le ntlha nngwe ya go tsaya karolo mo ditirong tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jun 2016






