Breaking News

Ba-na-le bogole ba thusiwa ka bofefo

09 Jun 2016

Puso e itlamile go tlhomamisa gore batho ba ba tshelang ka bogole ba thusiwa ntle le tiego epe fa ba supile keletso ya go ka akola mananeo a puso.

Maikemisetso a a puso a gateletswe ke mogokaganya-ditiro tsa ofisi ya tlamelo ya ba-na-le-bogole kwa ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa ka Laboraro fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a etetse kwa  Toteng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Fa a tsibogela matshwenyego a banni bangwe, Rre Motingwa o kaile fa ba-na-le-bogole ba sa tshwanela go tsenngwa mo meleng ya go ka amogela dithuso tsa mananeo a a farologaneng .

 E ne e rile a itekodisa Tautona Khama, monana wa mo-na-le-bogole, Rre Lesley Kuta, a bolela fa a sale a ikopetse go thusiwa ka dipodi ka ngwaga wa 2014 mme le jaana a sa ntse a letile.

A re tiego e, e mo ketefaletsa botshelo ka mo nakong eno go sena sepe se a itshetsang ka sone.

Mo-na-le bogole yo mongwe, Rre Mmoloki Chingapane, o ne a itela mo pusong go sekaseka go oketsa madi a itshetso a bagodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TOTENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jun 2016