Ba batla go bona dipuisano ka tlhamalalo
09 Jun 2016
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Francistown Botlhaba ba re ba eletsa go bona baemedi ba bone ba gasiwa mo thelebishineng ya setshaba ka nako ya palamente e tsene.
Ba buile seo kwa kgotleng ya Donga ka Laboraro mo phuthegong e e neng e buisiwa ke motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe.
Mokhanselara wa kgotla ya Satellite Bophirima, Rre Godisang Radisigo, o tlhalositse fa seo se le botlhokwa mo go bone ka bangwe ba sena madi a go palama ba ya palamenteng, a tlatsa ka gore le fa ba ka nna le sebaka sa go tsamaya, sebe sa phiri ba ya go tlhoka bodulo ntateng ya mosuke.
A re go dira jalo e tlaa bo e le go fokotsa mosuke o o fitlhelwang kwa palamenteng ka nako ya palamente ga mmogo le go fokotsa ditshenyegelo tsa go palama.
Rre Radisigo a re fa ba sa kgone go e gasa, bogolo ba e tshwantshe mme e tshamikiwe ka le le latelang.
Fa a tswa la gagwe Moruti Buti Butale o tlhalositse fa nako e gorogile ya gore tsamaiso ya diofisi tsa mapalamente di fetolwe ka jaana go nna le sepolotiki se sentsi teng.
A re o eletsa gore badiri ba yone ka e le badirelapuso ba nnele ruri go na le gore e re yo o fenyang mo pusong a bo a iphirela batho ba gagwe.
Moruti Butale a re palamente e fetole melao e kgone go tseela mapalamente dikgato fa ba sa itshware sentle mo palamenteng.
Mongwe wa banni, Rre Mpho Leladi o kopile gore go busediwe palamente ya banana ka jaana ba tswa kgakala ba na le kgatlhego mo sepolotiking.
Fa a araba, Mme Kokorwe o boletse fa e le keletso ya puso gore dipuisano tsa palamente di ka gasiwa mo BTV mme mathata ke letlhoko la madi.
A re go gasa go lopa madi a mantsi a ba ka se kakeng ba a kgona mo nakong ya gompieno.
Motsamaisa dipuisano a re modiri mo ofising ya mopalamente o thusa batho ka go lekalekana a sa sokamela ntlheng epe e bile ga se lepolotiki ke modirelapuso.
O ne a kgothatsa setshaba go dirisa ofisi ya mopalamente e e mo kgaolong a re ofisi eo ga e amane ka gope le sepolotiki ka jalo setshaba se tshwanetse sa phuthologa go e dirisa go kopa dikgakololo ka go farologana.
Mme Kokorwe, a re go botlhokwa gore Batswana ba nne le seabe mo mererong ya palamente, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse ka tsamaiso ya palamente gore sepe se se dirwang ba bo ba na le kitso e bile seabe sa bone e le se se bonalang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Faith SIiako
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Jun 2016






