A dipuisano di supiwe
09 Jun 2016
Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebisheneng ya Botswana.
Ba ne ba akgela mo phuthegong ya kgotla ya go isa palamente kwa bathong, e e neng e tshwerwe ke motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi a supa.
Ba re nako e gorogile gore thelebishene e gase dipuisano tsa palamente, gore ba utlwe dintlha tsotlhe tse mapalamente a buisanang ka tsone.
Kgosi Maruje III wa Masunga ene o ne a supa fa go le botlhokwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe mo thelebishineng go fa batho sebaka sa go bona gore puso ya batho ka batho e diragadiwa jang mmogo le ka fa palamente e tsamaisiwang ka teng.
A re go supa dipuisano tseo mo thelebishineng, go tlaa thusa gape lefatshe leno go tsweledisa maikaelelo a lone a go rotloetsa letshego lasetshaba se se rutegileng se na le kitso.
Kgosi a re o eletsa go bona palamente e ikemetse ka nosi, e na le ditsompelo tsotlhe tse di tshwanetseng, a tlatsa gape ka gore le lekalana la yone la ditlhotlhomiso, e tshwanetse ya nna le le tiileng go leka go thusa lefatshe go gatela pele.
Kgosi Maruje III a re nako e fitlhile ya gore lefatshe leno le nne le diromamowa tsa dikgaolo (community radio stations), a re di ka thusa go aga lefatshe leno.
Mongwe wa banni, Rre Benjamin Bagayi o ne a kopa puso go aga diofisi tsa palamente mo dikgaolong, go na le gore go bo go ikaegilwe ka go hirisa matlo a beng, a re go dira jalo go ka tlotlomatsa seriti sa palamente.
Rre Bagayi a re o lemogile fa badiri ba diofisi tsa mapalamente ba sa nke ba rolelana diofisi semmuso fa ba tswa go tsena ba bangwe, a re mme go dira jalo go botlhokwa go direla gore ba ba tsenang ba kgone go itse ka dikgang tse di leng teng mo ofising gore ba di tsweledise.
Rre Robert Morupisi ene o ne a kopa gore palamente e tsenye leitlho le le tseneletseng mo maphateng a e ya reng a kopile madi go diragatsa ditiro tsa maphata, e re phelelong a buse madi a sa dirisiwa, a re o ipotsa gore a tiro e ya bo e dirilwe kgotsa jang.
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, e le yone e welang ka fa tlase ga Bokone Botlhaba, bone ba ne ba kopa gore diphuthego tsa go tshwana le eo, di ne di tshwarelwa le kwa kgaolong ya bone, go na le gore ba ye go di tsenela kwa Masunga.
Le fa go ntse jalo, banni ba Bokone Botlhaba ba ne ba leboga Mme Kokorwe go bo a bone go tshwanela gore a iphe matsapa a go isa palamente kwa bathong.
E ne ya re fa a tlhatlhelela banni ka tiro ya palamente le ka fa e tsamaisiwang ka teng, Mme Kokorwe a tlhalosa fa e le go buisana le go diragatsa melao e go bonwang e siametse lefatshe leno.
A re e re ka jaana ba lemoga botlhokwa jwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebishining, sebe sa phiri ke go bo thulaganyo ya go dira jalo e lopa madi a a seng kana ka sepe.
Mme Kokorwe o ne a tlhalosetsa banni fa boikarabelo jwa gagwe e le go tsamaisa dipuisano tsa palamente, a dira jalo a setse morago molao motheo wa lefatshe leno, e bile a tsaya mapalamente ka tekatekano go netefatsa gore go nna le thitibalo mo palamenteng.
A re o itumedisiwa ke go bo mapalamente a mono, le fa ba ka tswa ba farologana ka megopolo e bile ba ngangisana ka dilo dingwe, fela ba supa mowa wa setho le wa go tlotlana.
Fa a itebaganya le tiro ya mapalamente, Mme Kokorwe o ne a supa fa mo godimo ga dipuisano tsa palamente, palamente e bereka le ka dikomiti ka go farologana tse mapalamente mangwe a tlhophiwang go tsena mo go tsone di feta bobedi.
A re ka jalo go ka diragala gore mopalamente a seka a lekola batlhophi gangwe le gape jaaka ba solofetse, ka moo a gwetlha banni go dirisa diofisi tsa palamente tse di mo dikgaolo tsa bone go isa dikgang teng mo boseyong jwa mopalamente.
Mme Kokorwe o ne a bo a gakolola banni go itse fa badiredi ba diofisi tsa mapalamente e le badirelapuso, ba ba tshwanetseng go dira tiro ya bone ba beetse kwa tlhoko sepolotiki.
La fa go ntse jalo, o ne a supa fa mongwe le mongwe a gololesegile go tsena mo palamenteng go ya go reetsa dipuisano tsa mapalamente.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Jun 2016






