Breaking News

Josiah ke sekai sa go ipelega

09 Jun 2016

Monana yo o ipuletseng kgwebo ya go apaya borotho, Mme Lucia Josiah, wa kgotla ya goora Moabi kwa Kanye o rotloeditse banana go itlhamela diphatlha tsa mebereko ka go ipulela dikgwebo.

Mme Josiah o buile jalo mo potsolosong bosheng. A re ene ke sekai sa gore go itlhamela mmereko go motlhofo ka e erile morago ga go nna lebaka a sa bereke gope a bo a ipulela kgwebo ya go apaya borotho.

Mme Josiah a re o butse kgwebo eo ka madi a a neng a a kgobokanya ka semausu se a neng a itshetsa ka sone.

Mme Josiah a re o ne a aga ntlwana e e nang le magotsetso a molelo a a apeelang borotho,mme o apaya magwinya, mapakiwa le mefuta e mengwe fela jalo.

E rile morago ga go bona gore kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle, a bo a simolola go ipapatsa ntlwana le ntlwana.Mme o feletse a nna le bareki ba bantsi ka ba bangwe ba rekela go ya go rekisa.

Mo nakong ya gompieno, o apeela meletlo ka go farologana jaaka manyalo le e mengwe, a re se ke sekai sa gore o dira tiro e e tsepameng.

“Ke batla go rotloetsa banana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go se motlhofo go bona dipoelo ka bonako ka malatsi a mangwe kgwebo e nna kwa tlase fa a mangwe e ntsha maduo a a bonalang.

Fa kgwebo e ntsha dipoelo ga wa tshwanela go isa dipoelo tseo ganong mme o tshwanetse wa boloka dipoelo tseo go tsamaisa kgwebo ya gago fa o feletswe ke didirisiwa’’, a tlhalosa.

Mme Josiah a re banana ba lese go itsapela mananeo a puso a go bula dikgwebo ka a diretswe bone gore ba itshetse ka e se botlhe ba ba ka berekang.

Le fa go ntse jalo, Mme Josiah a re dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke gore marekisetso a gagwe a mannye e bile a tlhaela ka ditlamelo di le dintsi, mme o sale a ikopetse go thusiwa ka madi a banana mme mo nakong ya gompieno ga a ise a bone thuso ka lenaneo leo.

A re keletso ya gagwe ke go bona a godile a na le madirelo a a atologileng gore a kgone go apaya mefuta e mengwe ya borotho.

A re o eletsa gore fa marekisetso a gagwe a godile a nne le sebaka sa go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 09 Jun 2016