Sekole sa Bokspits se a ipela
08 Jun 2016
Sekole se sebotlana sa Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi se ne se ipelela dingwaga tse di masome a marataro se ntse se le teng.Go ya ka kgosi, Mme Lydia Rautenbach, sekole seo se ne sa simolodisiwa ke batho basweu ka ngwaga wa 1928.
Kgosi Rautenbach o boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 1956 puso ya tsaya sekole semmuso go fitlha mo nakong ya gompieno.
O ne a leboga thata batlapele ka boithaopo, bopelotelele le bonatla jwa bone ka go supa fa thuto e le botlhokwa ka e le bone ba ba dirileng gore sekole seo se nne se e leng sone gompieno.
Mokhanselara wa Bogogobo –Kolonkwaneng, Rre Jonh Lentshikang, o ne a bolela fa lefatshe leno le gatetse pele mo thutong ka go e tlotlomatsa le go tlhomamisa gore ke ya boleng jo bo kwa godimo thata.
Mokhanselara Lentshikang o supile fa ngwana mongwe le mongwe mo lefatsheng leno a tshwanelwa ke go akola thuto, a kaya fa gape puso e dirile maiteko a gore e simolodise sekole sa bananyana se se ba rutuntshang (pre school) pele ga ba ka ya go simolola dithuto mo dikoleng tse dipotlana.
O boletse fa bana ba sa ele sekoleng fela go ya go oketsa dipalo mme ba tshwanelwa ke go neelwa thuto e e ka tokafatsang bokgoni le kitso ya bone mo isagong.
Mokhanselara Lentshikang fa a bua boemong jwa modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi o ne a kgothatsa dikomponi tse di ikemetseng, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao ka go tshwaraganela thuto ya bana ka puso e ka seke e kgone e le nosi.
A re seo gape se ka thusa mo tokofatsong ya maduo a a kgatlhisang thata mo dikoleng ka go farologana.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso mothusa mogokgo wa pele wa sekoleng seo, Rre Olebogeng Molelekeng o ne a re o motlotlo go bo e ne ya re ka ngwaga wa 2006 a ntsha maduo a a itumedisang thata a lokwalo lwa bosupa mo sekoleng seo.
Morutabana Rre Molelekeng o boletse fa tshwaragano ya maoto a mararo a pitsa e leng batsadi,barutabana le bana e le konokono mo thutong ya bana ka seo se ka ba kgontsha gore sekole seo se ntshe maduo a a itumedisang ngwaga le ngwaga.
Mo ipelelong letsatsi leo, baithuti ba pele go simologa ka ngwaga wa 1964 go fitlha 2014 ba ba neng ba dirile sentle ka go tsaya maemo a ntlha mo lokwalong lwa bosupa le barutabana ba pele ba ne ba lebogiwa ka go neelwa ditlankana.
Mokhanselara wa kgaolo Rre Gideon Martin wa Bokspits o ne a lebogela botlhe ba ba neng ba tshologetse moletlo o gammogo le barulaganyi ba one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : BOKSPITS
Event : Boipelo jwa sekole
Date : 08 Jun 2016






