Go iphitisa nnotagi ke bolwetse
08 Jun 2016
Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi, a re madi a a tsewang mo thekisong ya bojalwa (alcohol levy) a tsamaya kwa go P2 billion.
A re madi ao, a ka dirisiwa go aga dikago tse di ka thusang go sidila maikutlo ba ba iphitisang nnotagi.
O gakolotse gape gore madi a, a dirisiwe go tlhotlha bojalwa mo mmeleng jaaka go dirwa kwa mafatsheng a mangwe.
Mopalamente o ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Kubung kwa Maun ka Mosupologo.
Rre Moremi o ne a akgela mo dilelong tsa gore banana ba kgaolo eo ba nwa bojalwa phetelela.
A re go iphitisa dino ke bolwetse jo bo tlhokang go potlakelwa ka kalafi a tlhalosa fa kwa mafatsheng a mangwe ba thusa batho ba go nna jalo ka kalafi.
O tsweletse a re banana ga ba kake ba tlhoka go itontela dino ka go na le tlhaelo e ntsi ya ditiro.
O tsweletse a re le fa go ntse jalo, ba tlaa leka go ikopanya le ba ba tshwereng madi ao go ba rekisetsa mogopolo wa go aga dikokelwana tsa go nna jalo.
A re go sa ntse go utlwisa botlhoko gore kgaolo ya Maun e bo e sa ntse e kaiwa e le yone e e di gogang kwa pele mo go nweng bojalwa segolo jang ga banana.
Rre Moremi o kopile batsadi gore ba seka ba nna bogale thata mo go ba ba setseng ba amegile a tlatsa ka gore go dira jalo ga go kake ga ba naya tharabololo e e siameng.
Fa a akgela mo kgannyeng ya borre ba ba kgokgontshang bana ba basetsanyana ka go tlhakanela dikobo le bone ba sale bannye, a re ene o dumela gore e le borre ba tshwanetse ba ikadime kgang eo gore ba kgone go lemotshana gore go dira jalo ke go inyatsa gore ba kgone go ikitaya ka thupana le go itse fa bana ba tshwanelwa ke bokamoso jo bo siameng.
Fa a bua ka kgang ya gore tona Rre Slumber Tsogwane a bo a neetse Bayei bogosi jwa bone a re ene o bona go se molato a ba a kopa le morafe gore o seka wa fuduega maikutlo ka yone.
Mme Theresa Petros yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo o ne a le kodisa mopalamente ka borukutlhi jo a reng bo golela pele letsatsi le letsatsi mo kgaolong eo.
A re go thubiwa ga matlo, go betswa ga batho le go utswiwa ga maotwana a dikoloi mo bosigong ke selo sa letsatsi le letsatsi.
O tsweletse a re le nnotagi e kwa godimo thata mo kgaolong ya Kubung mme a re se se utlwisang botlhoko ke gore o fitlhela e le banana ba basetsana ba ba nang le bana mme le fa gotwe ba gakololwa ka go tsaya mananeo gore ba ithuse ba gana nnyaa ya banyana.
Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Galaletsang Mhapha a re molaetsa o tsile go tswa kwa go Tautona gore botlhe ba ba sa bonang didirisiwa tsa bone tsa mananeo le tse di tlhaelang ba ikwadise kwa go ba VDC gore ba tle ba thusiwe a re madi a teng.
O bile a ba lekodisa ka seemo sa matlhabelo a BMC a Maun a re ba boletse fa mathata a bone e le metsi le gore ba okeditse ditlhwatlhwa tsa theko ya dikgomo kwa matlhabelong ao le ntswa bothata e le bolwetse ja mabele jo gantsi bo fitlhelwang mo leruong la kgaolo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jun 2016






