Breaking News

Komiti ga e dire sentle

08 Jun 2016

Mothusa modulasitilo wa komoti ya Men Sector kwa Boteti, Superintendent Michael Maphephu, a re komiti ya bone ga e dire sentle.

Superintendent Maphephu  a re dikgwetlho tse di ba lebanyeng ke tsa maloko a badirelapuso gammogo le morafe ba ba  seng tlhaga  mo komiting  le tlhaelo ya didirisiwa jaaka  madi le dikoloi.

Superintendent Maphephu a re kgaolo ya Boteti e bophara ka metse e le lesome le borobabongwe e ba tshwanetse go e thusa.

A re metse e mengwe ke  e e kgakala le ditlamelo e batho ba yone bontsi ba tlhaelang kitso ,mme ka letlhoko la dipalamo ga a kgone go ba isetsa mananeo a ba a akantseng.

Rre Maphephu a re matshwenyego a mangwe a  ba nang le one, ke gore bontsi  jwa maloko a bone a badirelapuso  ke  ba maemo a a kwa tlase ka jalo go nna thata gore ba gololwe fa komiti e ba tlhoka.

A re gape  kgaolo ya Boteti e na le meepo selo se se dirang gore go nne le borre ba le bantsi, a tlhalosa gore ba ne ba eleditse go  bereka ba le seopo sengwe le ba meepo ka maswabi  seo ga se kgonagale  ka gore ba ba fa  nako e khutshwane fa  ba batla go bua le bone.

Superintendent Maphephu a re le fa ba na le dikgwetlha mananeo otlhe a ba a dirileng a ne a atlegile ba dira jalo ba tshwaragane le morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS wa Boteti.

E rile a ba  lekodisa ka maikaelelo a loeto lwa bone,  moithaopi  wa Peace Corp kwa ofising ya Men Sector go tswa kwa Gaborone,  Mme Hannah Marqusee a re ba tsile go utlwa matshwenyego le dikgwetlho tsa komiti ya Men Sector.

Mme Marqusse a re ba batla go itse mathata a morafe wa kgaolo ya Boteti,  le gore komiti e ka thusiwa jang gore ba dire dilo botoka.

Go buisana le komiti go tsaya megopolo le maikaeleo a bone a go isa molaetsa kwa setshabeng, gammogo le dikatlego tsa komiti ya Men Sector.

Mme Marqusse a re ofisi kgolo e akantse gore bodulasetilo ja komiti ya Men Sector bo seka jwa fapaanelwa ke maphata jaaka go ntse go dirwa mme  bone fela mo lephateng la Pereko le Selegae.

Morulaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ba itemogetse gore kgaolo ya Boteti e na le dipalo tse di ko godimo tsa borre ba ba berekang mo meepong  ba ba nang le madi.

Rre Monyadiwa a re  se se dira gore go nne le tiriso ya  bojalwa e e kwa godimo, batho ba ba gwebang ka  mmele, a tlhalosa gore gape go na le bomme ba ba tsenang mo kgaolong  e ka dipalo tse di kwa godimo fa kgwedi e fedile.

A re itsholelo e ya madi ya  borre e dira gore ba  tseye taolo mo  go bomme se se bake dilo di le dintsi jaaka  boimana jwa bana ba dingwaga tse di ko tlase, tsietso mo malwapeng.

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Golebilwemang  Golebilwemang    a re dipalamo ke tsone di ka kgontshang komiti gore e goroge gongwe le gongwe  ko  ba batlang go isa ditirelo teng.

Rre Golebilwemang a re ofisi kgolo e ka  thusa kgaolo ka koloi, a re komiti e tshwanetse ya  ba  romelela lenaneo la bone la ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego

Date : 08 Jun 2016