Breaking News

Kereke e otlolola seatla

08 Jun 2016

Moruti Olivier Kizika wa kereke ya Watchman kwa  Lobatse a  re botshelo bo na le sekao fa motho a kgona go kgaogana bonnyenyane jo a nang le jone le ba a ba ratang.

Moruti  Kizika o buile ka Matlhatso fa maloko a kereke eo, a abela  bagodi le batlhoki dimpho  ba le masome a mane.

Moruti o boletse  gore bagodi  kgotsa batsadi ba ne ba ntse ba tlhokomela bana ba sa ntse e le bana  jaanong mo nakong eno ba tlhoka tlhokomelo eo go tswa mo go bone, ka jalo kereke e bone  go le maleba  gore e ba abele se se ka ba  thusang mo serameng jaaka go le mariga.

A re diatla tsa maloko ao ke tsone tse di dirang kgotsa di bereka ka thata go direla ba ba nang le matlhoki, e le go dira   tiro  ya kutlwelo botlhoko le go supa tiro ya mokeresete    a   re ke botshelo jo bo nang le sekao.

Moruti o tsweletse a   re go thusa , go neela,le  go kopantsha matlhoki a ba ba tlhokilengng lesego mo botshelong, go dira gore go nne le tekatekano ya setho, a tlatsa ka gore ga go a siama gore ba tswelele le matshelo a bone ba je, ba apare mme bangwe ka bone kgotsa baagisanyi le batsadi ba sena se ba se jang kgotsa tse ba di aparang jalo a kgothatsa maloko  go lemoga bao.

Dimpho tseo di ne  di akaretsa dikobo  mophuthelwana wa dijo le diaparo.   ßMme Bonolo Malope go tswa kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya toropo ya Lobatse, a re kereke e dira tiro e e botlhokwa ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Mme Malope o tsweletse a re kereke e supa e kgathala ka matshelo a batho se a reng se molemo mo lefatsheng le kwa legodimong e bile se rurifaditswe, gape go supa Batswana e le tshaba ya bakeresete, selo se a reng se dira gore go nne le thitibalo mo lefatsheng.

A  re kereke go supa e utlwile mokgosi  wa ga Tautona wa gore go thusiwe ba ba tlhokileng lesego a tlatsa ka gore kereke ga e a thusa ba ba amogelang dimpho fela mme e thusitse le yone khansele.

O tsweletse a kgothatsa  banana   gore ba tswelele ba tshegeditse lefoko la Modimo, gore go tswelele go rena kagiso mo lefatsheng leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Kereke

Date : 08 Jun 2016