Breaking News

Molelo wa kgolagano ga o amane le dikgotlhang

07 Jun 2016

Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re molelo wa kgolagano ga o amane le dikgang tse di ntseng di le teng mo metseng ka go farologana mme di batla ditharabololo.

A re banni ba tshwanelwa ke go baya dikgotlhang tsa bone kwa thoko mme ba amogele molelo wa kgolagano ka e le one o tshwaraganyang Batswana mme ba tlaa rarabolola dipharologano tsa bone morago.

A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, o fa masego le lone lerato le Batswana ba tshelang ka lone.

Mme Makgato o ne a tsibogela mafoko a a neng a buiwa ke Rre Basiami Kolagano wa Tumasera kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa bosheng.

Rre Kolagano o ne a supa fa banni ba Tumasera ba na le mathata fa molelo wa kgolagano o tla mo motseng wa bone ka ba ne ba solofetse fa o ba tlela ka kutlwano.

A re banni ba Tumasera ga ba dumalane le ba Seleka ka dilo dingwe jaaka dikago tsa puso le gore ke motse ofe o o tlaa amogelang molelo.

A re lenaneo la molelo wa kgolagano le supa fa molelo wa kgolagano o tlaa gorogela kwa Seleka mme o tlaa bo o ralala mo motseng wa bone ntswa o kabo o amogelwa ke Kgosi Kelapile Maleele ka e le ene kgosi e tona.

Le fa go ntse jalo, Mme Makgato yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami o ne a tlhalosetsa banni fa a ne a tsaya boikarabelo jwa go bona gore molelo wa kgolagano o aname le metse yotlhe ya kgaolo ya gagwe.

A re banni ke bone ba tlaa nnang le sebaka sa go itlhophela gore ba isa molelo oo kwa mafelong afe.

O ne a tlhalosa fa molelo wa kgolagano o sa laolwe ke ope mme komiti ya BOT50 e le yone e dirileng lenaneo la one.

O ne a gwetlha banni go bopagana mme ba tsweledise lenaneo la molelo wa kgolagano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : TUMASERA

Event : Phuthego

Date : 07 Jun 2016