Breaking News

Puo e tshwanetse go sirelediwa

07 Jun 2016

Mothusa kgosi ya Shoshong, Kgosi Sejabosigo Ntsaga a re Batswana ba tshwanetse go sireletsa puo ya bone gore e seka ya nyelela.

Kgosi Ntsaga o buile se kwa moletlong wa ngwao wa Bollapela kwa masimong a Mahutagane kwa Shoshong ka mafelo a beke.

A re puo ke bontlhabongwe jwa ngwao mme e tshwanete go tsosiwa, ya rotloediwa gore e seka ya nyelela, ka e bile go na le merafe e le mentsi mo lefatsheng leno.

O ne a tlhalosa gore puo ke selo se se kgonang go tsamaya motlhofo mme Batswana ba tshwanetse go itse gore puo ke seipone mme ba tshwanetse go e sireletsa.

Kgosi Ntsaga a re Batswana ba tswanetse go ipelafatsa ka puo ya bone, a tlatsa ka gore ke tshenolo ya dikakanyo le ditsamaiso tsa matshelo a bone.

A re puso ke sefalana sa ngwao, mme ka jalo Batswana ba tshwanetse go ipatla fa ba leng teng gore a ba ntse ba mo tseleng ya go boloka puo le ngwao ya bone.

A re Batswana ba tshwanetse gape go itshekatsheka gore a mme mo dinakong tsa gompieno ba sa ntse ba tshegeditse ngwao, bogolo jang thata tiriso ya diane tse ka tsone puo ya Setswana e di humileng.

A re diane ke tsone thanodi ya gore Motswana ke mang e bile o ya kae. A re diane di a ruta, di a gomotsa, di a kgalema gape di a laya.

Kgosi Ntsaga a re puo ke selo se se nyelelang motlhofo e bile ka Batswana malatsing ano ba tlotlile sekgowa thata, Setswana se ka nyelela.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa le ene o ne a tlhalosa fa puo e le sekao sa batho mme ka jalo e tshwanetse go babalelwa.

Kgosi Mosielele a re Batswana ba tshwanetswe ke go ema ka dinao ba baakanya dilo di ise di ye masweng , ka gore mo malatsing ano o ftlhela ngwao le puo ya Batswana di itsewe di supiwa thata ke batho ba ba tswang kwa ntle.

O ne a kopa batsaya karolo ba moletlo o go ema ka dinao go ruta bana puo le dingwao tsa bone gore di seka tsa nyelela.

A re puo e aga motho mme ka jalo e tshwanetse go rotloediwa.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a leboga barulaganyi ba moletlo o, go bo ba bone go le botlhokwa go dira moletlo wa ngwao gore e seka ya nyelela.

Rre Makgalemele a re meletlo ya go nna jaana, e  rekisa kgaolo ya Shoshong, e bile e oka bagwebi go tla go bona gore kgaolo ya bone e na le eng se se tlhamang ditiro ga mmogo le go e tlhabolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo

Date : 07 Jun 2016