Monna o bolailwe ke pilara a leka go iphalotsa
06 Jun 2016
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabobedi le masome a mararo, a neng a tlhokafala a sena go welwa ke pilara.
Superintendent Isaac Mmamadi wa sepodisi sa Botswana kwa Mahalapye, o tlhalositse mo potsolotsong gore moswi o ne a phamolela monna mongwe mogala wa letheka,mme ka go tlhoka lesego a welwa ke pilara mo tlhogong e a neng a leka go iphitlha ka yone fa a tshaba segopa sa batho se se neng se mo lelekile.
A re mapodisi a ne a ragosetsa monna yoo kwa sepateleng kwa go fetileng ga bolelwa fa a ttlhokafetse. Moswi yo maina a gagwe a sa ntseng a lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsisiwe o tlholega kwa Mahalapye.
Fa dikgang di eme jalo, Superintendent Mmamadi o bolela fa ba le mo letsholong la go batla monna mongwe, yo e rileng ka Labotlhano a phamola kgetsana ya madi mo modiring wa bese ya NKK.
A re ba tshegeditse lekawana lengwe go ba thusa mo ditlhothomisong mabapi le tiragalo eo. Ka nako ya kgang e e kwalwa, go ne go ise go tlhomamisiwe palo ya madi a a utswilweng.
E ntse e le kwa Mahalapye, mapodisi a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone, monna wa dingwaga tse di fa gare a neng a tlhakanela dikobo le monna mongwe ntleng le ditumelano mo kgotleng ya Xhosa 2 fa monna wa dingwaga tse di masome a mararo le motso a tshegeditswe ke mapodisi mabapi le go betelela mosetsanyana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro fa ba ne ba ile tirelong ya kereke ya Galatia.
Kwa Mokoswane, mapodisi a mo patlong ya monna mongwe yo e rileng bosheng a betelela mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa
Date : 06 Jun 2016






