Breaking News

Barutabana ke batlhokemedi ba bana

06 Jun 2016

Barutabana ba ba nang le botsalano le bana ba ba ba rutang ba kgadilwe fela thata go supiwa fa e le go tlhoka boikarabelo. 

Se se builwe ke moemedi go tswa ko lekgotleng la Botswana Sectors of Educators Trade Union (BOSETU) Rre Innocent Mannathoko kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la barutabana kwa Gumare bosheng.

O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go itse gore ke bone ba tshireletso ya bana e leng mo go bone ka jalo o kgala barutabana ba ba ratanang le bana ba sekole.

A re ba tshwanetse go itse gore lefelo la sekole ke la boithutelo ka jalo e le bone ba tshwanetseng go nna kgatlhanong le kgang eo ya go ratana le bana ba sekole.

Mo go tse dingwe o tlhalositse gore barutabana ba botlhokwa mo setshabeng a supa fa go nna morutabana go ka tshwantshiwa le motsadi wa dithuto tse di farologaneng tse dintsi.

O boletse gore maitemogelo a gagwe ke gore barutabana ba sa ntse ba na le dikgwetlho tse dintsi jaaka go tlhoka ditro,mme a gakolola gore puso fa e ne e ka fokotsa dipalo tsa bana mo ntlong ya borutelo go ka thiba diphatlha tsa letlhoko la ditiro.

O gakolotse gape gore go na le letlhoko la didirisiwa mo dikoleng,mme ka jalo maduo a bana ga a nametse.

 O file sekai sa gore bana ba kgona go tlhoka ditafole mo sekoleng mme se e nne sekgoreletsi mo go ithuteng.

O gakolotse gape gore go botlhokwa gore puso e nne le diithutuntsho tsa barutabana gore ba kgone go dirisa le go tlhaloganya lenaneo la dithuto (syllabus) le le tlhabolotsweng, la segompieno.

O supile fa boranyane bo le bontsi ka jalo barutabana ba tshwanetse go nna mo dinakong tsa segompieno ka go rutuntshiwa.

Barutabana go tswa ko dikoleng tsa Tubu, Gumare le Nokaneng ba ile ba natifisa letsatsi la bone ka go opela le go boka e le go supa bokgeleke ja se ba se rutang bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Ipelelo letsatsi la barutabana

Date : 06 Jun 2016