Breaking News

UDC e ithekisa mo Batswaneng

06 Jun 2016

Maloko a phathi ya UDC ba gwetlhile Batswana go inaakanya le phathi ya bone.Ba buile se mo phuthegong ya mokatakata e e neng e tshwaretswe kwa Ghanzi. Mokwaledi wa phathi ya BCP Rre Kentse Rammidi o ne a re phathi ya UDC ga se e e ka tlholang e bitswa gotwe ke ya kganetso, mme a re “ke phathi ya tsholofelo mo Batswaneng.” 

Rre Rammidi a re e le diphathi tse di ikopantseng ba solofetsa Batswana bokamoso jo bo siameng e bile e le jo bo ba solegelang molemo. Mme ka jalo o ne a gwetlha Batswana go inaakanya le phathi ya UDC jaaka ba ipaakanyetsa ditlhopho tse di latelang tsa 2019.

Rre Rammidi o ne  a netefaletsa Batswana gape gore e le ba BCP ba ne ba nna fatshe le ba UDC mme ba rarabolola dipharologano tse di neng di le teng go itsa gore ba kopane ka ditlhopho tse di fetileng tsa 2014. 

Mme o ne a tlhalosa gore diphapaang tsa bone di ne di sa supe gore ba itaana ka noga e tshela mme a re e ne e le go tlhoka kutlwisisano fela ga bana ba motho.

Sebui se sengwe, Mme Margaret Nasha o ne a kaya fa molao motheo wa lefatshe la Botswana o siilwe ke nako. 

Mme Nasha a re molao motheo o tshwanetse wa fetolwa wa shafadiwa gore o tsamaelane le dinako tsa gompieno. Mme Nasha a re melao metheo ya mafatshe a a mabapi le la Botswana e sale e shafaditswe, mme a re ke nako ya gore lefatshe la Botswana le lone le tlhabolole molao motheo wa lone.

Mme Nasha o ne gape a re e le ba phathi ya UDC, ba tshwenngwa ke gore lefatshe la Botswana le ikaegile thata ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele. A re lefatshe la Botswana le ka kgona go itirela dijo mme la kgona go jesa Batswana. Se, a re se ka diragala fela fa puso e ka sekaseka ka fa e abang madi a setshaba ka teng.

Mme Nasha a re puso e tshwanetse ya abela lephata la temo-thuo madi a mantsi gore e kgone go diragatsa maikaelelo a lone a go tlhabolola lephata gore ba kgone ba jese Batswana mme ba fokotse go ikaega ka mafatshe a mangwe, mme pheletsong e nne gore lephata la temo-thuo le kgone go jesa Batswana le sa ikaega ka mafatshe a mangwe.

Mo go tse dingwe o ne a re puso e tshwanetse go seka seka dikatso tsa bodirela puso, a tlhalosa gore bodirela puso ga bo newe dikatso tse di botoka mme a re puso e tshwanetse go leba seo.

Phuthego e, dibui ka go farologana di supile fa e le ipakaanyetso ya tsela ya go ya ditlhophong tsa 2019. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Phuthego

Date : 06 Jun 2016