Breaking News

ESP e araba selelo sa Manxotai

06 Jun 2016

Kgosi Opelo Mokgadi wa Manxotai mo kgaolong potlana ya Tutume o boletse fa kgwetlho e e ntseng e ba lebane ya letlhoko la diofisi mo kgotleng ya motse oo e arabilwe.

O buile jalo mo potsolotsong bosheng.

A re go agwa ga diofisi tse ke tlhabololo e ba sa tswang go e amogela bosheng ka lenaneo la go rudisa itsholelo.

Kgosi Mokgadi o supile fa tiro ya go agwa  ga diofisi tseo e simolotswe kgwedi e e fetileng mme e solofetswe go wediwa ka kgwedi ya Ngwanaatsele mo ngwageng ono mme a tlatsa ka go supa fa tiro eo e abetswe rakonteraka wa monana e bile e na le motlhala o o kgotsofatsang.

A re se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore tlhatlhobololo ya tiro eo e dirwa ke baitseanape ba dikago gape e dirwa gangwe le gape go netefatsa fa tsotlhe di apere tshiamo.

Kgosi Mokgadi o gateletse botlhokwa jwa gore ba ba lebanweng ke tiro eo ba tshwanelwa ke go e dira ba tsentse moko mo nameng.

A re ntle le go nna tlhaga, ba ka tloga ba retelelwa ke go tshwara nako e ba solofetsweng go wetsa tiro ka yone kgotsa ba felele ba dira tiro ya boleng jo bo sa itumediseng.

Kgosi Mokgadi o supile fa kago eo e na le diofisi tse tharo, ntlo ya go beeletsa dithoto tse di farologaneng gammogo le matlwana a boitiketso a sesha.

A re letlhoko la diofisi le ntse le ba beile ka fa mosing ka jaana ba tlamega go dirisa leobo go ka tsweledisa ditirelo tsa kgotla, sengwe se a kayang fa se tshwenya.

Kgosi Mokgadi a re tsholofelo ke gore fa diofisi tseo di wela, ba tlaa bona bonno jo bo phuthologileng mme a re leobo le tlaa tswelela le ba thusa ka nako ya diphuthego kgotsa bokopano bope jo bo ka dirwang mo kgotleng.

O bile gape a re lone leobo le tlaa solegela ditlhopha tsa bodiragatsi tse bangwe banana ba motse ba di tlhamileng go ka tshwarela ikatiso ya bone mo go lone.

Go sale foo, Kgosi Mokgadi o galaleditse mananeo a puso a a tsweletseng ka go goroga mo motseng a supa fa a na le motlhala.

A re batlhoki bangwe ba sa tswa go agelwa matlo a bonno a boleng jo bo kwa godimo ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : MANXOTAI

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2016