Domboshaba o tlaa tlhabololwa ka ESP
07 Jun 2016
Lefelo la ditso la Domboshaba kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ke lengwe la mafelo a a humileng ditso a a tlaa tlhabololwang ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP.
Mo mafokong a gagwe a go tshwaya segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la metlobo ya ditso kwa Domboshaba ka Labotlhano, Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o tlhalositse fa go tlaa dirisiwa didikadike tse pedi le sephatlo tsa dipula go tlhabolola le go tokafatsa tebego ya lefelo leo.
Tona Tsogwane a re sedikadike se le sengwe sa dipula se setse se dirisitswe go duelela kgokelo ya motlakase kwa lefelong leo, a supa fa tse dingwe tse di tlaa dirwang di akaretsa go agiwa ga dikampa tsa bajanala di le pedi, go tsosolosiwa ga mabotana a matlapa a a fitlhelwang koo gammogo le go dirwa ga lefelo le go tlaa supelwang tse di farologaneng tsa ngwao teng.
Tona o ikuetse mo Batswaneng go dira ka natla go tlhabolola le go godisa bojanala jwa benggae ka go etela mafelo a a farologaneng a bojanala.
Rre Tsogwane a re go bo Batswana ba tlotlile go dirisa malatsi a boikhutso go iketla mo gae le ba malwapa a bone go baya ka fa mosing maiteko a go godisa mhama wa bojanala.
Fa a bua ka ntlo ya kamogelo baeng fa ba goroga kwa Domboshaba, Rre Tsogwane o ne a supa fa kago eo e tlaa thusa thata mo go godiseng dipalo tsa batho ba ba etelang lefelo leo, a supa fa go solofetswe fa dipalo tsa nako eno tsa baeti ba le dikete tse tharo di tlaa gola go menagane.
Mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Charles Amos, a re go lemotshegile fa bojanala bo ka thusa thata mo go tsosoloseng itsholelo ya kgaolo gammogo le ya lefatshe.
Le fa go le jalo, Rre Amos o ne a supa fa lefelo la ditso la Domboshaba le ne le saletse kwa morago mo go nneng le seabe se se bonalang mo itsholelong ya kgaolo.
O tlhalositse fa go agwa ga ntlo eo go tlaa thusa go okela bajanala go ya go bona matlotlo a ngwao a a kwa Domboshaba, selo se a kaileng fa se tlaa dira go utlwala go godisa serodumo sa lefelo leo.
Ipelelo segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la metlobo ya ditso e ne e kopanetswe ke banni ba metse ya Kalakamati le Vukwi le e mengwe e e mabapi, mme tiro ya letsatsi e ne e akaretsa pulo semmuso ya kago e bajanala le baeti ba bangwe ba ba farologaneng ba tlaa gorogelang teng pele ba ka ya go bontshiwa mahumo a ditso a lefelo la Domboshaba. BOKHULO
Source : BOPA
Author : Ka Keonee Kealeboga
Location : KALAKAMATI
Event : Segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la metlobo ya ditso
Date : 07 Jun 2016






