ISPAAD e ka fokotsa theko ya dijo kwa ntle
05 Jun 2016
Mogolwane mo lephateng la temo-thuo yo a lebaganeng le dijwalo Rre Thomas Mogome, o rotloeditse balemi ba Boatlaname go akola mananeo a tshwana le la ISPAAD mo go thuseng gore lefatshe leno le itirele dijo tse di lekaneng
Rre Mogome o buile seo fa a ne a rolela balemi ba setlhopha sa Makhuu sa baikopanyi ba le masome a mane le borataro terata ya diekere di le sekete, makgolo a mararo le metso e le merataro .
A re ba lebogela lenaneo leo la ISPAAD go bo le tsile go thusa balemi go lema dijo tse di lekaneng jaaka mabele, lebelebele le mmidi.
O ba rotloeditse go lema ba kabakanya dijwalo ka jaana keletso ke go bona lefatshe leno le ijesa gore madi a le rekang dijo ko mafatsheng a mangwe ka one a dirisiwe mo ditlhabololong tse dingwe.
A re le ntswa lenaneo leo le na le dikgwetlho jaaka phetogo ya loapi le dipula tse di boutsana ga ba a tshwanela go ipona tsapa mo temong, a re ba ikanye dikgakololo tsa balemisi go fitlhelela maikemisetso a bone.
O gakolotse gape balemi bao fa temo ya segompieno e na le dikgwetlho a re balemi ba tshwanetse ba tsena mo go yone ba ititeile sehuba go bona ka fa ba ka tilang dikgwetlho tse ka teng.
Rre Mogome a re mogopolo wa go ipopa ditlhopha ke ntlha nngwe ya go thusa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng ka jaana puso e lemogile fa go dira motho a le nosi go le turu go na le fa ba le ditlhopha.
A re go na le ditlhopha tse dingwe tsa baikopanyi tse di dirilweng ka lenaneo la ISPAAD tse puso e dirisitseng madi a mantsi mo go tsone mme di sa tlhole di dira maikemisetso a tsone mo jaanong dingwe tsa tsone di setseng di fetogile dipolase kana mafudiso a leruo .
O gakolotse gape balemi gore ba seka ba fudisa leruo la bone mo masimong fa ba sena go roba dijwalo tsa bone go itsa mhero, o gantsi o kgoreletsang dijalo go gola sentle.
Rre Mogome o ganne nnang wa banyana dikgang tse di buiwang ke balemi bangwe tsa gore dipeo tse di tlhabolotsweng le menontshane e e tshelwang mo masimong ke tsone tse di tsisang mhero mo masimong.
Fa a bua le beng ba diterekere o ne a ba gakolola go ikaba ka dikgaolo kana masimo a ba leng kwa go one go somarela bokgola.
Mogokaganyi wa tsa dijwalo, Mme Khaliso Phokedi o tlhalositse fa go setse go na le ditema di le makgolo a a supang tse di setseng di lengwa, mme tsholofelo ke gore mo ngwageng o o tlang ba ba saletseng kwa morago ba supe maiteko a bone.
O bile a akgolela balemi bao go bo ba betlile tsela e ntle ya go ikopanya a re seo se tlaa tlhofofaletsa molemisi mosepele wa go etela masimo a bone ka bongwe ka bongwe.
O ba gakolotse gape gore ba ka ikopela madi go epa sediba ka lenaneo leo la ISPAAD gore ba seka ba kojwa ke lenyora mo masimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 05 Jun 2016






