Breaking News

ESP ke boikarebo jwa bodirelapuso

05 Jun 2016

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona (PSP) Rre Carter Morupisi o rotloeditse badirelapuso go dira ka natla gore lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le atlege.

O buile se jaaka a ne a buisa phuthego ya badirelapuso kwa Jwaneng .

Rre Morupisi a re badirelapuso ba filwe boikarabelo jwa go diragatsa se ka jalo ba dire ka natla go tlogelele dikokomane tsa lefatshe leno motlhala o montle.

A re ba tshwanetse go nna motlotlo ka maikarabelo a ba a filweng.

Rre Morupisi a re e re ka jaana maikaelelo a mangwe a lenaneo la go rudisa itsholelo e le go tlhamela Batswana ditiro le go nonotsha dikgwebo tsa benggae, go botlhokwa gore dithoto le ditirelo tsa puso di rekwe mo dikgwebong tseo.

A re se se ka thusa go godisa dikgwebo tseo mme di tswelele ka go hira Batswana, bogolo jang banana.

Le fa go ntse jalo o ba kopile gore ba ele tlhoko gore puso ga e jewe ntsoma mo thekong eo, ka go sekaseka boleng le ditlhwatlhwa tsa dithoto.

A re go le gantsi dikgwebo di oketsa ditlhwatlhwa fa go reka puso, selo se a reng se tshwanetse sa fedisiwa.

A re badirelapuso ba tshwanetse ba gakolola beng ba dikgwebo gore ka fa ba dirisanyang ka teng le puso, go tlaa laola gore a ba tswelela ba fiwa ditiro.

Rre Morupisi o kopile gape gore banana ba ba tseneng sekole sa tiro ya diatla ba hirwe go dira ditiro tsa puso di tshwana le go baakanya dikago.

A re dikompone tse dipotlana tsa benggae le tsone di tshwanetse tsa neelwa ditiro tsa go nna jaana ntle le fela e le tse di sa di kgoneng.

O kopile ba ditirelo di tshwana le tsa metsi le lefatshe gore le bone ba itsose gore bagwebi ba tle ba natefelelwe ke go dira dikgwebo mo toropong ya Jwaneng.

A re go dira jaana go ka godisa itsholelo ya toropo ka go tlhama mebereko le gone go tsisa ditlhabololo.

O rotloeditse ditlhogo tsa maphata go dira pego e e tlaa supang gore maphata a bone a rekile jang mo dikgwebong tsa mo gae.

A re se se ka thusa go sala morago motlhala wa gore a mme ba mo moonong o puso e o batlang. Erile a tswa la gagwe, Rre Gaofenngwe Wasetso wa lephata la go lwantsha tshenyetso setshaba, a kopa badirelapuso go netefatsa gore lenaneo la ESP le diragadiwa ka fa go tshwanetseng ka teng go sena tshenyetso setshaba.

A re ba tshwanetse go duela bagwebi ba ba neelang puso ditirelo ka fa go tshwanetseng eseng go itirisetsa madi a puso.

O ba rotloeditse gape gore ba anamise ditiro tse puso e di tlhokang gore bagwebi botlhe ba ba kgatlhegang ba itepe lesego. A re go dira jaana go ka fema dingongorego tsa gore bangwe ga ba a bona dikopo tseo.

Erile ba ba kgwa dikgaba, badirelapuso ba supa fa letlhoko la boroko jwa badirelapuso mo  Jwaneng e le selelo le khurano ya meno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya badirelapuso

Date : 05 Jun 2016