Go isa ditlamelo kwa bathong go fefosa ditirelo
05 Jun 2016
Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe (SAA) Mme Oabona Kalwetse o gakolotse banni ba Dimajwe go tshologela letsatsi le bodiredi jwa puso bo isang ditlamelo kwa motseng wa bone ka se se ba thusa go fokotsa mosepele go ya kwa Serowe.
O buile se kwa Dimajwe fa maphata a puso a ne a dule banni letsholo ka ditlamelo bosheng.
Mothusa molaodi o ne a re ba lemogile fa letsholo le, le le botlhokwa ka e se botlhe ba ba kgonang go latela thuso ko Serowe.
O ne a re banni ba dirise go nna teng ga maphata a, go araba matshwenyego a bone.
Mme Kalwetse o ne a re letsatsi le, le supile fa le fehosa ditlamelo selo se a reng se setse se supagetse mo mafelong a a setseng a etetswe.
A re ofisi ya ga molaodi e itlamile go etela mafelo a le mabedi kgwedi nngwe le nngwe. Mothusa molaodi o ne a re ba ne ba lemoga fa go tlhokafala go tswa batho tema le gone go nonotsha bodiredi jo bo setseng bo le teng mo metseng.
Mma Kalwetse o ne a re keletso ya bone ke go bona banni ba itse e bile ba akole mananeo a puso jaaka botlhe.
Sebui sa tlotla se ne sa gakolola banni ba motse ka dikgang tse di farologaneng jaaka tsa manyalo, boswa, kwadiso dintsho mo go tse dingwe.
O ne a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa boswa, bogolo jang fa mme a ka tlhokafala, rre o ikgagapelela boswa jwa bana.
Mma Kalwetse a re le mo Setswaneng ngwana o na le boswa.
O ne a re ngwana o na le tshwanelo ya tlhokomelo ya motsadi go sa kgathalesege gore a o tshotswe mo lenyalong kana kwa ntle ga lonyalo.
Mothusa molaodi o ne a re bana ga ba a tshwanelwa go rontshiwa dithoto fa motsadi a tsena mo lenyalong le lesha, a re e le ba ga molaodi ba gakolola thata mo dikgannyeng tsa mofuta o.
O ne a gakolola ka kgang ya tlhakanelo dithoto ya banyalani, e e rayang gore tsotlhe ke tsa bobedi joo.
Mme Kalwetse o ne a re ntswa bogologolo motho a ne a sa letlelelwe go fetola seo, puso e ne ya sekaseka seo, mme jaanong motho o letlelelwa go ka fetola se gabedi.
Mothusa molaodi o ne a gakolola banyalani go netefatsa gore fa ba nyalana ba fiwa pampitshana eo, ya gore ba tlhakanela dithoko kana ga ba a tlhakanela.
Banni ba ne ba tsaya bo Omang ba bone, bangwe ba shafatsa, fa bangwe ba ne ba baakanya matsalo a bone. Ba ne gape ba rutiwa ka fa ba ka itshireletsang ka teng fa ba ka tlhaselwa ke ditlou tse di mo kgaolong ya Legare.
Tiro e, e tlaa bo e tshwerwe kwa motseng wa Sehunou kgwedi eno e tlhola lesome le botlhano. Ba motse wa Moiyabana, Malatswai,
Thabala, Majwanaadipitse, Mabeleapodi le Mogorosi ba setse ba akotse tsamaiso e, selo se gape se imolotseng bodiredi jwa mafelo a morwalo le go araba matshwenyego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : DIMAJWE
Event : Phuthego
Date : 05 Jun 2016






