Molelo wa kgolagano ke sesupo sa ditso
05 Jun 2016
Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Dikgang Makgalemele, a re molelo wa kgolagano o tsisa lesedi le popagano e lefatshe leno le tlholegileng le na le yone.
Rre Makgalemele o ne a bua kwa metseng ya kgaolo ya gagwe bosheng fa molelo o o ne o ralala kgaolo.
Molelo wa kgolagano o sa tswa go ralala metse ya Mosolotshane, Moralane, Kodibeleng, Otse, Mokgenene, Poloka, Mmutlane, Kalamare, Ikongwe, Shoshong gammogo le Bonwapitse.
Rre Makgalemele a re molelo o, o supa gore lefatshe la Botswana le tswa kae le ya kae, go ya ko pele a tlatsa ka gore molelo o o tsisa dintlenyane tse ka tsone di ka ba tswelang mosola.
O ne a tlhalosa gape gore molelo o o supa sekao se ka sone lefatshe le tlhabologileng ka sone fa e sale le tsaya boipuso.
O ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe gore ba tshwanetse go ikitaya ka thupana gore jaanong ba dira eng go ya kwa pele, bogolo jang ka ba setse ba keteka dingwaga tse di masome a matlhano ba ntse ba ipusa.
A re go mo maruding a bone go itse gore seabe sa bone ke eng mo lefatsheng, go dirisa mananeo a ba a neelwang ke puso, go tlhama ditiro le go tlhabolola metse ya bone.
Kwa motseng wa Shoshong, e rile a amogela molelo o, Kgosi Felix Kgamane a tlhalosa fa ka molelo o wa kgolagano go supa kwa lefatshe la Botswana le tswang teng bogolo jang mo mererong ya tsa bogosi.
Kgosi Kgamane a re go tswa goolowe lefatshe la Botswana le ne le eteletswe pele ke dikgosi tse ka tsone di neng di tlamela merafe ya tsone mme gape di lere thitibalo mo morafeng.
O ne a leboga thata puso ya lefatshe leno go bo e sa ntse e setse morago ngwao ya go tlotla dikgosi ka e le tsone di tshegeditseng batho ba metse ya bone go bona gore go nna le thitibalo le kagiso go sena sepe se se ba tsenang ka bogare.
Mo leetong le, motse mongwe le mongwe o ne wa amogela molelo o ka mabogo a mabedi mme ba tlhalosa ditso tsa bone le kwa ba simologileng ba le teng.
Motse mongwe le mongwe gape o ne wa nna le moemedi wa banana yo o neng a tlhalosa gore e le banana ba motse oo ba direla motse wa bone eng le gore ba akola mananeo afe a puso.
Kwa Mosolotshane moemedi wa banana, Rre Kesebelwang Gaorongwe o ne a tlhaolosa fa ba lebogela puso ka mananeo a e ba thusang ka one, a tlatsa ka gore molelo o wa kgolagano o supa popagano le therisanyo go isa Botswana kwa pele.
Rre Gaorongwe a re e le banana ba lefatshe leno ba ikiteile ka thuapana go bona gore le bone ba nna le seabe go tsaya karolo go fokotsa lehuma ka go tlhama ditiro le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Kwa motseng wa Moralane moemedi wa banana, Mme Gaofetole Dirame o ne a tlhalosa fa molelo o o supa ka fa ba godileng thata ka teng e le motse go tsweng ka nako ya fa ba tlhomiwa motse.
Mme Dirame o ne a tlhalosa gore molelo wa kgolagano o supa gape le ditlhabololo tse di diragetseng mo lefatsheng ka bophara gammogo le motse wa bone a re go nnile le sekole le kokelwana tse ka tsone ba kgonang go bona dithuso tsa puso ka bogaufi.
A re o leboga puso go bo e ba lemoga bogolo jang ka ba le kgakala le ditlamelo mme e dira ka gotlhe go bona gore ba nna le ditlamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Kgoroso ya molelo wa kgologano
Date : 05 Jun 2016






