Ba batla kokelo
05 Jun 2016
Banni ba Lerala ba re ga ba itumelele tshwetso e e tserweng ya gore kokelwana ya bone e atolosiwe ntswa ba ne ba solofeditswe gore ba tlaa agelwa sepatela mo motseng wa bone.
Ba re katoloso ya kokelwana ya bone ga e ba kgotsofatse ka ba ne ba solofeditswe sepatela mo dingwageng tse di fetileng mme se ne se bonala mo lenaneong la ditlhabololo mme jaanong se tsene ka lenga la seloko.
Ba buile jalo ba tsibogela mafoko a ga tona wa botsogo Mme Dorcas Makgato kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Lerala ka Labone.
Mme Makgato o ne a itsise banni fa motse wa bone o tlaa akarediwa mo lenaneong la go rudisa itsholelo la ESP fela jaaka metse e mengwe.
A re e re ntswa a itse gore banni ba motse wa Lerala ba batla sepatela o ne a bona go tshwanela gore a seka a ba tlogela mo legoeleleng.
O ne a re le fa a sa ntse a batla madi a a ka agang sepatela, o bona go tshwanela gore kokelwana ya motse wa bone e okediwe mme go tsenngwe ditlamelo di tshwana le tsa x-ray go na le gore banni ba di latele kwa mafelong a a kgakala a tshwana le Palapye.
A re kgang ya kokelo ga e yo mo lenaneong la ditlhabololo la lesome le bongwe le mo nakong eno go buisanngwang ka lone.
A re sepatela se ne se seyo mo lenaneong la ditlhabololo la bo lesome mme fa se ne se le teng mo lenaneong leo la ditlhabololo se ka bo se tsentswe mo go tsa lesome le bongwe.
O ne a tlhalosetsa banni fa go sekasekiwa dipalo pele gore a lefelo le ka agelwa sepatela mme go tlaa dirwa tsamaiso eo.
Le fa go ntse jalo kgang eo e ne ya seka ya tsaya banni sentle ka bontsi jwa ba ba neng ba akgela ba ne ba bua fela ka kgang ya sepatela ntswa Mme Makgato a ne a ba tlhalosetsa se se tlaa diragalang.
Borre Justice Pholoa le Kebaabetswe Setlhong ba Lerala ba ne ba tlhalosa fa ba ne ba sa solofela mafoko a tona a ba tlelang ka one mme a ba tlhabile dipelo.
Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele o ne a bolela fa ba sa itumelele gore kgaolo ya bone e bo e sena sepatela .
E ne e rile go le pele Kgosi Molebatsi Moroka wa boraro a lebogela puso gobo e beile tsa botsogo kwa pele.
A re go simolola bogologolong puso e ntse e beile tsa botsogo kwa pele. o ne a ikuela mo go tona Makgato go bona gore go ka dirwa jang ka kokelwana ya motse wa Lerala ka e sa lekana morafe.
O ne a bolela fa bodiredi jwa kokelwana ya Lerala bo le palo e e ko tlase ka jalo tiro e ba fekeetsa. A re gore modiri a ntshe maduo ke gore
a bo a sena letsapa mme ka ba felela ba na le letsapa go tlaa felela go sa tswe maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Jun 2016






