Molaodi o batla kgaisano ya borabontle
02 Jun 2016
Molaodi wa Ghanzi Rre Loeto Porati, a re nako e tsile ya gore go simolodisiwe kgaisano ya borabontle ba dikgaolo fela jaaka go na le bommabontle ba dikgaolo.
O buile se ko mabaleng a ditshupo tsa Ghanzi fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao le rulagantswe ke mmabontle wa dikgaolo Matshediso Gadifele.
A re se se botlhokwa ka rabontle o ka thusana le mmabontle go diragatsa ditiro tse ba di filweng gore ba di dire ka pele le gore ba bonala mo setshabeng.
A re o lebogela go bo mmabontle a tsile ka mogopolo wa go tsosolosa ngwao.
Rre Porati a re go botlhokwa go kopanela go rotloetsa ngwao. A re moletlo o o diretswe gore mmabontle yo o fentseng e bile a tswa mo kgaolong ya Ghanzi ko motseng wa D’kar, Mme Matshidiso Gadifele a kgobokanye madi go oketsa a a a filweng go simolodisa tiro ya gagwe.
Rre Porati o rotloeditse banaleseabe botlhe ba ba amegang mo go baakanyetseng tiro ya mmabontle go nna ba dira jalo ka nako go itsa gore e re a sena go fenya a bo a tla go nna lebaka le le leele a sa dire sepe gotwe o sa ntse a baakanyediwa.
O gwetlhile morafe wa Ghanzi go dirisa kana go tsenya letsogo mo tirong ya ga mmabontle fa a sena go fenya ka ba a bo ba filwe di ditiro gore ba di dire mme ba ka di kgona fela fa go na le tshwaragano ya morafe.
Rre Porati a re nako e tsile ya gore bo Mmabontle ba bodirelapuso le ba dikgaolo ba tshwaraganele go dira ditiro ka ba a bo ba tshwere maemo a a tshwanang mme ba ka thusana ka maele a gore ditiro tsa bone di atlege ba botlhe.
E rile a ntsha la gagwe, mmabontle wa dikgaolo, Matshedi Gadifele a re o gwetlhilwe ke go bona o ka re boleng jwa ngwao bo ya ko tlase mme se sa mo gwetlha gore a rulaganye letsatsi le tshwana le le go tsosolosa le go rotloetsa ditsangwao.
O kopile Batswana go tlhopha se ba se jang mme ba boele ko dijong tsa setso, mme ba emise go ja dijo tse di tletseng mafura gape ba sale ditaelo tsa botsogo morago ka se se botlhokwa mo botsogong jwa bone.
O rotloeditse botsadi go ruta bana ngwao segolo jang tsa puo le mmino ka o setso o fetoga o tshwakanngwa le wa mafatshe a sele mme se se o diga boleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : Ghanzi
Event : Letsatsi la ngwao
Date : 02 Jun 2016






